AfriForum e kgala Lefapha ka ntlha ya go bo le sa fetisetsa lefatshe go baagi ba Dennilton
AfriForum e ne ya batla dikarabo go tswa go Lefapha la Go Busetsa Mafatshe go Beng ba One le la Tlhabololo ya Metseselegae la kwa Limpopo ka di 25 Phatwe morago ga gore Lefapha le retelelwe ke go romela pego ya kgatelopele ka ga go fetisetswa ga lefatshe go Mokgatlho wa Beng ba Ditsha wa kwa Dennilton. Kgato eno e tserwe jaana morago ga go romelwa ga lekwalo le le buang ka kgang eno go mokgatlho wa ditshwanelo tsa batho ka Moranang le ka Motsheganong monongwaga morago ga gore Mokgatlho wa Beng ba Ditsha o ikgolaganye le AfriForum go bona tshegetso. Dikopo tsa ntlha tse di neng tsa dirwa tsa go fetisediwa ga lefatshe go beng ba lone di ne tsa romelwa ka July 2017, mme ga go na kgatelopele epe e e bonalang e dirilwe fa e sa le ka nako eo. Beng ba lefatshe ba kopile gore ba busediwe lefatshe la bone go ya ka Molao wa Go Fetolwa ga Dithaetlele Tsa Lefatshe, wa bo 111 wa ka 1993.
“Maloko a Mokgatlho wa Beng ba Lefatshe wa Dennilton a lebane le dikgwetlho tse di masisi ka gonne ga a na dithaetlele tsa ditsha tsa bone. Go tsenngwa ga diphaephe tsa metsi le go agiwa ga madirelo a motlakase o o dirisang mogote wa letsatsi go sa ntse go tsweletse pele ga jaanong, mme go tlhoka dithaetlele go gatakela ditshwanelo tsa mong wa setsha. Gape ba lebane le dikgwetlho tse di bakwang ke batho ba ba ipeileng mo ditsheng tsa bone e bile ba tshwenyegile ka ga gore ditsha tsa bone di ka tloga tsa newa batho ba ba senang tshwanelo ya go nna beng ba tsone,” go rialo Barend Uys, e leng Tlhogo ya Dikamano le Tirisano Gare ga Ditso Tse di Farologaneng kwa AfriForum.
Boitshwaro jwa Lefapha bo tsosa dipotso tse di masisi ka ga maitlamo a puso e e eteletsweng pele ke ANC ka ga ditshwanelo tsa batho ka ditsha le go nna ga bone beng ba lefatshe. Uys a re batho ba motse ono ba sa le ba letile dingwaga di ka nna lesome ba letetse gore ba newe lefatshe la bone. “Ditiro di bua go feta mafoko — go phepafetse gore balaodi ga ba tseye masisi tshwanelo ya baagi ya gore ba nne le lefatshe la bone. Seno se netefatsa matshwenyego a a masisi a AfriForum e nang le one ka maiteko a a tswelelang pele a puso a go matlafatsa batlhankedi ba puso ba ba mo maemong a a farologaneng a puso gore ba gapele batho mafatshe kwa ntle ga tuelo ya phimolakeledi.”
Go ya ka Uys, go palelwa ga balaodi go dirisa molao o o leng teng ka botlalo wa go fetisediwa ga lefatshe kwa bathong le mo baaging ke selo se se tshwenyang. “Puso gape e retelelwa ke go dirisa Molao wa bo 112 wa ka 1991 wa go Tokafatsa Ditshwanelo tsa go Nna le Lefatshe, mme go dirilwe maiteko a le mmalwa a go fedisa Molao ono. Seno se ntse jalo go sa kgathalesege gore Molao gape o laela gore merafe ya setso e abelwe lefatshe la yone. Go phepafetse gore puso e e eteletsweng pele ke ANC e kgoreletsa ka boomo go fetisediwa ga lefatshe go beng ba lone ka maiteko a go laola baagi ka tsela e e sa tshwanelang”, o bolela jalo.
AfriForum e rotloetsa merafe ya setso le e mengwe ya baagi go simolola thulaganyo ya go fetisa mafatshe go beng bna one go ya ka molao ono, go sireletsa lefatshe la bone go solegela dikokomana tse di tlang molemo.
“Go nna mong wa lefatshe la poraefete ke selo sa botlhokwa mo go tlholeng katlego,” Uys o konela jalo.



