Porojeke e e kopanetsweng ya go rua dikoko e tlhagisa mae a a sa tureng
Porojeke e e kopanetsweng ya go rua dikoko ya Mokgatlho wa AfriForum, Saai le Mokgatlho wa ga Kgosatsana Gabo, e e direlwang kwa polaseng ya Blijdskap mo kgaolong ya Thaba’Nchu, e nnile le phitlhelelo e e seng kana ka sepe ka Tlhakole ka dithekiso tsa ntlha tsa mae mo baaging ba ba mo tikologong – go ne ga rekisiwa ditosene di ka nna 20 dozen tsa mae. Boikaelelo-bogolo jwa porojeke eno ke go tokafatsa phitlhelelo ya dijo tse di otlang, tse di nang le diporoteine ka tlhwatlhwa e e kgonwang ke maloko a setšhaba, segolobogolo basadi ba baimana le bana ba bannye. Porojeke eno ke karolo ya leano la tlhabololo ya temothuo la ga Kgosi Gaboilelwe Moroka, Kgosi ya Barolong Boo Seleka, leo boikaelelo jwa lone e leng go fedisa tlhaelo ya dijo mo gare ga maloko a setšhaba le go dira gore maloko a setšhaba a bulegelwe ke ditšhono tsa go bona lotseno ka metlha.
Go tlhomiwa ga porojeke eno ya go rua dikoko ya Boschveld ka 2025 go ne ga kgontshiwa ke tshegetso ya madi e e neng e tswa go Internationaler Club im Auswärtigen Amt (ICAA) ya kwa Berlin, kwa Jeremane. Mo kgatong ya ntlha, go ne ga kopanwa le dikgwetlho tse di farologaneng, go akaretsa le tsa go swa ga dikoko, ditatlhegelo ka ntlha ya go bolawa ga tsone ke dintša tse di neng di thobile le go jewa ga tsone ke dibatana, tshenyo e e neng e bakwa ke difefo le tlhagiso e e kwa tlase ya mae. Le fa go ntse jalo, dikgwetlho tseno di ne tsa naya badiri bano ba maemo a a tlwaelegileng fela ba porojeke eno ditšhono tse di botlhokwa tsa go ithuta mme di dirile gore ba tokafatse mo tirong ya bone ya botsamaisi, ya go fepa dikoko le go di sireletsa.
AfriForum le Saai ba nna le seabe mo porojekeng eno ka kgodiso ya go tlhabolola temothuo, Letsholo la go Tsosolosa Temothuo e e Kgonang go Itsetsepela NPC (RRAIN).
“Ka maswabi, basadi ba le bantsi ba ba imileng le bana ba bannye ga ba kgone go bona dijo tse di nang le dikotla mme segolobogolo tsa diporoteine tsa diphologolo, e leng se se bakang mathata a kgolo ya bana. Porojeke eno ke maitekonyana fela a rona a go dira pharologano mo matshelong a bana mme ke dumela gore e tla rotloetsa batho go tshegetsa porojeke eno gore e gole go nna kgolo ka fa re eletsang ka gone. Gape ke rata go leboga ICAA, AfriForum le Saai ka go nna le seabe ga bone mo go kgontsheng porojeke eno go tswelela pele”, go bolela jalo Kgosi Gaboilelwe Moroka, mothei wa Mokgatlho wa ga Kgosatsana Gabo.
“Porojeke eno e bontsha gore tlhabololo e e kgonang go itsetsepela ya temothuo e a kgonega fa bana-le-seabe, ba ba nang le mekgwa-tiro e e tshwanang le mokgele o o tshwanang, ba dira mmogo go thibela tlhaelo ya dijo le go tlisa kgolo ya ikonomi. Porojeke eno e tokafatsa kgono ya baagi ya go itlamela le go itshedisa le go dira ka natla go tila go ikaega ka ba bangwe,” go bolela jalo Nantes Kelder, Mookamedi wa Bosetšhaba wa Porojeke wa Dikamano le Tirisano Gare ga Ditso Tse di Farologaneng kwa AfriForum.
“Porojeke eno ga e amane le mae fela. E tlhabolola dikgono-tiro mo baaging, e nonotsha kitso ya bone ya temothuo le go dira gore ba kgone go itshedisa le go sikara maikarabelo a dira jalo. E thusa mo ditirong tsa ikonomi le tlhabololo ya lobaka lo lo leele mo setšhabeng,” go bolela jalo Leon Lourens, Mookamedi wa Tsa Tlhabololo kwa Saai.
Go ya ka Barend Uys, Tlhogo ya Dikamano le Tirisano Gare ga Ditso Tse di Farologaneng kwa AfriForum, dikamano tse di siameng le tirisanommogo magareng ga ditlhopha tse di farologaneng tsa merafe ya setso, tse di amogelanang le go tlotlana, di botlhokwa go tlhomamisa gore merafe eno e kgona go tshedisana sentle ka kagiso mo lonakeng lono lo lo kwa borwa jwa kontinente ya Aforika. “AfriForum e mo boemong jo bo siameng jwa go nna karolo ya Mokgatlho wa Merafe ya Setso o o kgontshang merafe eno go dumalana le go dirisana mmogo go tokafatsa matshelo a batho ba maemo a a tlwaelegileng fela,” go bolela jalo Uys.



