Tlotla boswa jwa dikokomana tse di fetileng ka go dira ka boineelo, go ya ka melawana mo Letsatsing la Aforika
AfriForum e ikuela mo merafeng ya setso le mo mekgatlhong ya baagi go tlotla boswa jwa dikokomana tse di fetileng ka go dira ka boineelo go direla bana ba Aforika isagwe e e itumedisang le go tsepamisa mogopolo mo go nonotsheng setso sa bone, kgololosego le tshiamiso. AfriForum e ile ya dira boikuelo jono ka nako ya keteko ya Letastsi la Aforika la di 25 Motsheganong.
AfriForum e dira ka boineelo go netefatsa bokamoso jo bo gololesegileng, jo bo sireletsegileng le jo bo atlegileng jwa Ma-Aforikanere, ka go tshedisana ka kagiso le merafe e mengwe ya setso, mo lonakeng lono lo lo kwa borwa jwa kontinente ya Aforika. Go diragatsa seno, AfriForum e aga dikamano tse di siameng le merafe e mengwe ya setso le tirisanommogo e e ikaegileng ka go amogelana le go tlotlana, e bile e dira diporojeke tse di kopanetsweng le maloko a setšhaba tse di nonotshang setso sa yone le go dira gore merafe eno e kgone go itlamela le go itshedisa. “Re ka se kgone go fetola nako e e thata e re fetileng mo go yone, go sa kgathalesege gore re ka leka ka natla go le go kana kang go dira jalo. Le fa go ntse jalo, bokamoso jwa rona bo mo diatleng tsa rona – ke sone se re tlhomileng mogopolo mo go sone; re tlhopha go tswelela pele tshedisana ka kagiso le ka tshiamiso,” go bolela jalo Barend Uys, yo e leng Tlhogo ya Dikamano le Tirisano Gare ga Ditso Tse di Farologaneng kwa AfriForum.
“Maaforikanere a tlholegile mo Aforika; ga re na legae lepe le lengwe. Ka jalo re lesego go bo re kgona go dirisana mmogo ka boineelo go tlhomamisa gore bana ba merafe e mengwe ya setso ba nne le bokamoso jo bo itumedisang. Aforika le batho ba yone ba na le bokgoni jo bogolo, e bile re dumela gore bokgoni jo bo feletseng jwa kontinente ya rona e ntle bo ka kgona go bontshiwa ke merafe e e sikarang maikarabelo, e e kgonang go tsosolosa le go sireletsa setso sa yone le go itshepa ga yone, merafe e e kgonang go nonotsha kgono ya go itlamela, ya go dirisana mmogo moo go kgonegang gone. Gompieno gape re gopola dikokomana tse di fetileng tse di ileng tsa intsha setlhabelo fela thata go netefatsa gore rotlhe re nna maloko a morafe ono,” go konela jalo.
Setswana



