AfriForum e lebogisetsa Morena e Moholo Montoeli Mota letsatsi la gagwe la matsalo la bo 50 mme e netefatsa tirisanommogo ya yone le Batlokoa Ba Mota
Gompieno jaana AforiForum e lebogisetsa Morena e Moholo (Moeteledipele yo Mogolo wa Setso) Montoeli Mota – Morena e Moholo wa Batlokoa Ba Mota wa Tsheseng, kwa borwa jwa Phuthaditjhaba kwa Foreisetata – letsatsi la gagwe la matsalo la bo 50. Se sengwe sa dilo tse di neng tsa dirwa fa Morena e Moholo Mota a ne a lebogisediwa phitlhelelo e e gakgamatsang eno, e ne e le go netefatsa ga mokgatlho wa rona tirisanommogo ya one le morafe wa setso wa Batlokoa Ba Mota.
Letsatsi la botsalo la ga Morena e Moholo Mota le ne la ketekwa ka tsela e e kgatlhisang thata ka Beke ya Setso ya Batlokwa monongwaga, e e neng e tshwerwe ka beke ya bofelo ya Lwetse. Kallie Kriel, CEO wa AfriForum, o ne a lebogisa Morena e Moholo Mota ka moletlo wa dijo tsa maitseboa ka di 25 Lwetse mme gape a neelana ka molaetsa wa botsalano le wa tirisanommogo go morafe wa Batlokwa mo letsatsing le le latelang, ka nako ya ditiragalo tse di botlhokwa tsa moletlo wa ngwao-boswa wa Batlokwa.
Merafe e e farologaneng ya Batlokwa le baeteledipele ba yone ba segosi, ba ba ithulagantseng go nna Mokgatlho wa Makgotla a Batlokwa, e ne ya nna teng mo bekeng ya setso. Mokgatlho ono o dira jaaka lentswe le le buelelang tlhabololo le tshireletso ya boitshupo jwa setso jwa morafe wa Batlokwa, ba ba anameng go ralala dinaga tse di ka fa Borwa jwa Afrika.
Kriel o eleletsa Morena e Moholo Mota ngwaga o o larileng kwa pele gore e nne o o segofetseng le wa nala. “Re rapelela gore ene le morafe wa gagwe ba segofale le go gatela pele mo dingwageng tse di tlang. Re nnile lesego ka tsela e kgolo go nna le botsalano ka ntlha ya go amogelana e go tlotlana ga rona le merafe ya Batlokwa go ralala dinaga tsotlhe tse di ka fa Borwa jwa Aforika. Re lebogela gore Morena o re neile diatla go aga isagwe e re e eleletsang bana ba rona. Le fa gone go na le dipharologano magareng ga merafe ya ditso, re tlhopha go dirisana mmogo mo dilong tse di re amang ka tsela e e tshwanang gore re nne le tlhotlheletso e e siameng mo bathong. Go tlhaloganyana le go tshepana go rotloediwa ke tirisanommogo fa gare ga merafe ya setso,” Kriel o gatelela jalo.

Barend Uys, Tlhogo ya Dikamano le Tirisano Gare ga Ditso Tse di Farologaneng kwa AfriForum, o tlhalosa gore dikamano tse di siameng le tirisanommogo fa gare ga merafe e e farologaneng ya setso ke selo se se tlhokegang go gaisa tsotlhe gore merafe yotlhe e e mo lonakeng lo lo kwa borwa jwa kontinente ya Aforika e kgone go tshedisana sentle ka kagiso. “Re lebogela botsalano jo Mokgatlho wa Dikgotla tsa Batlokwa o bo agileng le AfriForum. Selo seo ke lesego tota, mme mo godimo ga go bo re le ditsala, gape re bakaulengwe le bokgaitsadi mo go Keresete – tshiamelo e re sa e tseyeng motlhofo,” go bolela jalo Uys
Ka 2025, AfriForum, ba Ntlo ya Bosetšhaba ya Baeteledipele ba Setso le ba Khoi-San (NHTKL) le kantoro ya ga Morena e Moholo Mota ba ne ba dirisana mmogo go tsenya tirisong tsamaiso ya metsi a a pompiwang ka motlakase o o dirisang mogote wa letsatsi go tlhomamisa gore dikantoro tsa Kgotla ya Setso tsa Batlokoa Ba Mota ga di ke di tlhoka metsi mmogo le tshingwana ya merogo. Letsholo leno le dirilwe morago ga gore NHTKL e etelele pele go bopa boseoposengwe jwa botlhokwa jo e leng karolo ya go neelwa ga Puo ya Ntlha ya ngwaga le ngwaga ya Segopotso sa Lenaka e e neng ya neelwa kwa Sekolong sa Sekontari sa Manthatisi kwa Tsheseng go ela kwa bokhutlong jwa 2024. AfriForum le Batlokwa ba Mota le bone ba ile ba bopa tumalano ya go nna le tirisanommogo ka 2025.



