Tirisanommogo ya ditso tse di farologaneng e simolodisa porojeke ya go rua dikoko tse di beelang mae

Porojeke e e kopanetsweng ya go rua dikoko tse di beelang mae e ne ya simolodisiwa gompieno kwa Disaneng, e leng motsemogolo wa morafe wa setso wa Batlharo Boo Tokwana Ba Ga Masibi ka fa bophirima jwa Mahikeng kwa porofenseng  ya Bokone Bophirima. Mo godimo ga go tlamela ka pakane ya go simolola e e akaretsang dikoko tsa Boschveld, go ne ga tlamelwa ka hoko ya dikoko e e nang le didirisiwa, peo ya merogo e e tla tsayang ngwaga le ditlhare di le lesome tsa maungo, maloko a morafe a ne a katisediwa tiro ya go rua dikoko.

Porojeke eno ya tlhabololo ya temothuo e simolotswe ke Kgotla ya Setso ya Batlharo Boo Tokwana Ba Ga Masibi ka tirisanommogo le AfriForum ka Letsholo la go Tsosolosa Temothuo e e Kgonang go Itsetsepela (Resilient Regenerative Agricultural Initiative [RRAIN]), e e leng setheo sa tlhabololo ya temothuo le maiteko a a kopanetsweng ke AfriForum le Saai. Porojeke eno ke nngwe gape ya dipoelo tse di siameng tsa tumalano ya go amogelana le tirisanommogo e e dirilweng fa gare ga AfriForum le morafe ka 2023.

“Go na le kgonego ya gore porojeke eno e tsenye lotseno lo lo kgonang go itsetsepela mo morafeng wa rona le go bulela maloko a morafe ditšhono tsa go bapala kitso e e ka ga go rua dikoko e e tla ba solegelang molemo mo isagweng. Re lesego go bo re kgona go dira le AfriForum mo porojekeng eno e e tla solegelang morafe wa rona molemo,” go bolela jalo  Kgosi Mogakolodi Masibi, Kgosi ya Batlharo Boo Tokwana Ba Ga Masibi yo gape e leng Modulasetulo wa Kgotla ya Setso ya Morafe wa Batlharo Boo Tokwana Ba Ga Masibi.

“Re lesego e bile re itumelela go bo AfriForum e dirisana mmogo le morafe wa Batlharo Boo Tokwana Ba Ga Masibi mo porojekeng eno ya tlhabololo ya temothuo. Ke kgato e nnye fela mo thulaganyong e telele ya go tokafatsa kgono ya go itlamela le go atlega ga morafe ono. Le fa gone porojeke eno e se ya maemo a a kwa godimo go le kalo, ke sekai se sengwe sa matswela a a siameng a a nnang gone fa batho ba merafe e e farologaneng ba dirisana mmogo. Mokgatlho wa merafe ya setso e e emanang nokeng, o motheo wa one e leng go amogelana le go tlotlana, o tsweletse pele kgato ka kgato go tlhama maemo a a thusang merafe go kgona go itlamela,” go bolela jalo Barend Uys, e leng Tlhogo ya Dikamano le Tirisano Gare ga Ditso Tse di Farologaneng kwa AfriForum.

“Re solofela gore porojeke eno e tla rotloetsa le bana-le-seabe ba ditheo tsa poraefete le tsa puso go nna le seabe mo matsholong a tlhabololo ya maemo a morafe jaaka letsholo leno le dira,” Kgosi Masibi o konela jalo.

AfriForum le Batlharo Boo Tokwana Ba Ga Masibi ba ile ba tlhoma mmogo diboto tsa matshwao tsa go amogela maloko a morafe le baeng ba ba tlang mo lefelong la bonno jwa morafe ono ka Lwetse 2024.

Become a member

Make a donation

Similar Posts

Ons is Afrikaners