Porojeke ya merogo ya baagi ba Noga’s Post e a keteka – le go kgaoganyetsana – thobo e e nonneng
Porojeke ya merogo ya baagi ba Noga’s Post e keteka thobo e e atlegileng ya Tlhakole ya ditapole tsa boima jwa 180 kg tse di rekisediwang baagi mme dingata di le 40 tsa sepinitšhe di ne tsa abelwa Porojeke ya go Tshegetsa Sekolo sa M. Malikoe. Go ne ga dirwa thobo e nngwe gape ya dieie tsa boima jwa 100 kg mme di tla rekisiwa fa di sena go tsenngwa mo dipaketeng. Gape setlhopha sa porojeke se nnile le tshiamelo ya go abela maloko a a godileng a setšhaba le malapa a a tlhokang ditapole, mme se itumelela go bo se na le tebelelo ya go abela porojeke ya go tshegetsa sekolo dingata di le 40 tsa sepinitšhe gabedi ka beke.
Porojeke eno ke letsholo le le kopanetsweng la baagi ba Noga’s Post , Kgosi Gaboilelwe Moroka, AfriForum le Saai, ba ba ntseng ba dirisana mmogo go tloga ka 2020 go tokafatsa selekanyo sa dijo gore di se tlhaele le ditšhono tsa ikonomi mo motseng wa Noga’s Post. AfriForum le Saai ba nna le seabe mo porojekeng eno ka kgodiso ya go tlhabolola temothuo, Letsholo la go Tsosolosa Temothuo e e Kgonang go Itsetsepela NPC (RRAIN), le le tlamelang ka tshegetso, thulaganyo, botataisi le ka ditshwaelo.
“Temothuo e tswelela e le selo sa konokono mo go tokafatseng maemo a loago le ikonomi ya merafe e e kwa magaeng. Ke motlotlo go bona ka moo baagi ba tsayang maikarabelo ka gone, ba dirisanang mmogo ka katlego le ka fa ba ikaeletseng ka gone go tlhama ditiro tse di kgonang go itsetsepela. Go a kgothatsa go bona ka moo ba tsibogetseng ka gone thotloetso ya gore ba sole sebaka molemo, ba godise kgono ya bone ya go itlamela le go itirela bokamoso,” go bolela jalo Kgosi Gaboilelwe Moroka, Kgosi ya morafe wa setso sa Barolong Boo Seleka.
Go ya ka Barend Uys, Tlhogo ya Dikamano le Tirisano Gare ga Ditso Tse di Farologaneng kwa AfriForum, merafe e e nonofileng, e e kgonang go itlamela ga e dirwe ka ditsholofetso fela, mme e dirwa ka ditiro. “Ke tshiamelo mo go AfriForum go tshegetsa maloko a merafe eno e e dirang ka natla le go bona ka moo ba itumelelang maungo a tiro ya bone ya bonatla ka teng. Re solofela gore go tswelela pele ga porojeke eno go tla rotloetsa ba bangwe go nna le seabe mo maitekong a rona a a kopanetsweng. Matsholo a a tshwanang le leno, a a solegelang batho ba maemo a a tlwaelegileng fela molemo, a a tlhokega gore merafe e e farologaneng ya setso e kgone go tshedisana sentle ka kagiso mo lonakeng lono lo lo kwa borwa jwa kontinente ya Aforika,” go bolela jalo Uys.
“Maloko a merafe eno a bontsha se se ka kgonang go fitlhelelwa ka boineelo le go kgotlhelela. Go a kgothatsa go bona gore kwa bokhutlong jwa ngwaga mongwe le mongwe wa temo, go na le e seng fela dijo mo tafoleng, mme gape go na le tse di oketsegileng tse di ka rekisiwang. Go ruta batho dikgono-tiro le phitlhelelo ya gore ba kgone go itlamela le go nna la maungo mo tirong ya bone go tsaya nako. Saai e motlotlo go tsaya karolo mo kgannyeng eno ya go atlega,” go bolela jalo Leon Lourens, mookamedi wa tsa tlhabololo kwa Saai.





