|

Kopanela mo ntweng ya go lwela lefatshe, setso le kutlwano ya merafe ya setso – AfriForum

AfriForum e ikuela go merafe ya dingwao, ya ba Khoi-San le e mengwe ya setso le ya bodumedi go kopanela mo ntweng ya go sireletsa setso le ditshwanelo tsa morafe, go netefatsa gore di fitlhelelwa ka botlalo. Boikuelo jono bo dirwa jaana morago ga fa AfriForum e sena go romela ditshwaelo tse dintsi ka Molaotlhomo wa Baeteledipele ba Setso le ba Ba-Khoisan ka di 14 Phatwe.

Gareng ga dilo tse dingwe, ditshwaelo tsa AfriForum di gatelela go gatakelwa ga ditshwanelo tsa merafe ya setso; dithata tse di feteletseng le tse di sa tshwanelang tse di filweng batlhankedi ba puso; go sa tlhaloganngweng ga molao wa setso le go senngwa ga one; go etelediwa kwa pele ga dikgatlhegelo tsa puso, le go tlhokomologa dikgatlhegelo tsa morafe le dilo tsa one tse di botlhokwa le go tseelwa ga tsone kwa tlase. Go tlhoma molao ntle le go utlwa pele gore batho ba reng ka one, o o thulanang le setso sa Ba-Khoisan le sa merafe e mengwe ya setso.

Go ya ka Barend Uys, Tlhogo ya Dikamano le Tirisano Gare ga Ditso Tse di Farologaneng kwa AfriForum, ka tsela e molao o leng ka yone gone jaanong, o letla tonakgolo ya porofense go fetola taolo e e mo kgaolong ya ya morafe wa setso go sa kgathalesege gore a kgotla ya setso ya morafe e a dumalana kgotsa ga e dumalane.

“Ga jaanong jaana, go ya ka Karolo 20 ya Tlhabololo ya Molao wa Tiriso ya Mafatshe wa bo 112 wa ka 1991, morafe wa setso o ka nna wa ka kopa tona e e tlhomilweng gore e fudusetse lefatshe mo taolong ya morafe gore e nne la morafe. Bontsi jwa mafatshe a merafe ya setso a santse a le mo taolong ya puso. Puso e a laola mo boemong jwa merafe. Boammaaruri ke gore puso ga e dire maiteko ape a go dirisa molao o o leng teng gona jaanong go fudusetsa lefatshe la morafe mo taolong ya morafe oo. Ka jalo, temana eno e thulana le ditshwanelo tsa lefatshe le tshwanelo e merafe ya setso e nang le yone,” go bolela jalo Uys.

“Seemo sa ga jaana sa maemo se bontsha ka fa puso e tlhokomologang ka gone tshwanelo ya merafe ya go nna beng ba mafatshe mo nageng ya rona, e bile ga e a ikemisetsa go fetola seo. Seno se netefatsa lebaka la go bo merafe mmogo le banni ba tshwanetseng go lwa kgatlhanong le Molao wa Go Gapiwa ga Mafatshe, jaaka fa AfriForum e ganana le one gone jaanong.”

AfriForum e dumela gore molao ono o ama setso sa merafe le sa merafe ya Ba-Khoi-San, mmogo le sa merafe e mengwe e sele e bile e tshosetsa go nna teng ga merafe ya setso.

“Go a tshwenya go bo Molaotlhomo o tlhokomologa ditshwanelo tsa  morafe tsa setso le tsa ditlhopha tsa merafe e mengwe, jaaka fa seno se netefadiwa, gareng ga dilo tse dingwe, ke Tšhata ya Aforika ya Ditshwanelo Tsa Batho le Tsa Morafe le ke Maitlamo a Ditšhaba-Kopano ka ga Ditshwanelo Tsa Batho ba Setso (United Nations Declaration on the Rights of Indigenous Peoples [UNDRIP]), e Aforika Borwa e leng mosaeni-mmogo wa yone; gape e dirisa taolo kwa ntle ga go utlwa pele mo bathong gore bone ba a reng ka yone e blie ga e dirise tšhono eno go tlhoma molao o o tla tlhofofaletsang merafe eno go tshela go ya ka setso sa yone, jaaka fa go laela jalo Karolo 235 ya Molaotheo, gore ba ikagele bokamoso jwa bone,” go bolela jalo Uys.

“Molao o o amanang le merafe ya setso le boeteledipele jwa yone o tshwanetse go eteletsa kwa pele merafe ya setso le mekgwa ya yone ya botshelo, le tseleae lefatshe le lebang merafe eo ka yone le dilo tse di botlhokwa mo merafeng eo Ka jalo, AfriForum e ikuela go merafe yotlhe ya setso gore e ithulaganye le go nonofa le go dirisana mmogo go netefatsa gore e direla merafe yotlhe mo nageng ya rona bokamoso jo bo siameng.”

Become a member

Make a donation

Similar Posts

Ons is Afrikaners