AfriForum e romela matshediso a yone ka ntlha ya go tlhokafala ga ga Kgosi Bogosieng Mahura
AfriForum e tsaya tsia ka kutlobotlhoko go tlhokafala ga ga Kgosi Bogosieng Mahura, Kgosi ya Batlhaping Ba Ga Phuduhutswana Ba Ga Mahura.
“AfriForum e romela matshediso a a tswang botennyeng jwa pelo go ba lelapa la segosi la Boora Mahura, Batlhaping Ba Ga Phuduhutswana ba morafe wa setso Ba Ga Mahura le ba Ntlo ya Bosetšhaba le Ntlo ya Kapa Bokone ya Magosi le Baeteledipele ba Ba-Khoi-San. Re rapelela gore botlhe ba ba neng ba le gaufi thata le Kgosi Mahura le ba ba neng ba le ka fa tlase ga boeteledipele jwa gagwe ba gomotsege”, go bolela jalo Barend Uys, Tlhogo ya Dikamano le Tirisano Gare ga Ditso Tse di Farologaneng kwa AfriForum..
“Re dumela gore botshelo jwa ga Kgosi Mahura le sekao sa gagwe sa boineelo mo go somareleng le go nonotsha setso le go itse hisitori ga gagwe go tla tswelela pele go rotloetsa dikokomana tsa isago tsa morafe wa gagwe wa setso le merafe e mengwe ya setso mo nageng ya rona,” Uys o konela jalo.



