AfriForum e ikuela mo baaging gore ba dire mmogo go sireletsa Karolo 235
AfriForum e ikuela mo merafeng ya setso le merafe e mengwe e sele le mo baeteledipeleng ba bone gore ba dirisane mmogo go latelela mokgele o le mongwe wa go tlhomamisa gore Karolo 235 ya Molaotheo ga e fetolwe. Boikuelo jono bo dirwa jaana e le go tsibogela kitsiso e e dirilweng ke Mzwanele Manyi wa Lekoko la MK (LMK) yo e leng MP malebana le Molaotlhomo wa gagwe o o Mametleletsweng wa bo 24, o boikaelelo jwa one e leng go phimola Karolo 235 ya Molaotheo go amoga merafe yotlhe ya setso le merafe e mengwe tshwanelo ya yone ya go ipusa. AfriForum e ne ya romela ditshwaelo tsa yone tse di kwadilweng ka ga seno ka Sontaga (26 Moranang 2026).
Go ya ka Barend Uys, Tlhogo ya Dikamano le Tirisano Gare ga Ditso Tse di Farologaneng kwa AfriForum, boikaelelo jwa mametlelelo eno e e tshitshintsweng ke go tlhasela merafe yotlhe ya setso le merafe e mengwe e e kgaratlhelang go itlamela, go ikemela ka nosi le go ipusa tumalanong le molao wa boditšhabatšhaba. Uys o tswelela pele go tlhalosa gore go phimolwa ga Karolo 235 go tla thulana le Diathikele tsa 20 le 28 tsa Tšhata ya Aforika ya Ditshwanelo Tsa Batho le Tsa Morafe (ACHPR), Diathikele tsa 1, 5 le 27 tsa Tumalano ya Boditšhabatšhaba ya Ditšhabakopano (UN) tse di buwang ka Tumalano ya Boditšhabatšhaba ya Ditshwanelo Tsa Maloko a Setšhaba le Tsa Sepolotiki (ICCPR), mmogo le Diathikele tsa 3, 4 le 8 tsa Maitlamo a UN tse di buwang ka Maitlamo a a Dirilweng ka Ditshwanelo Tsa Merafe ya Setso (UNDRIP).
AfriForum e kgatlhanong fela thata le go phimolwa ga Karolo 235 mme e tshitshinya gore e tlogelwe e sa fetolwa ka ntlha ya mabaka a a latelang, gareng ga a mangwe:
- Karolo 235 ya Molaotheo, e e dumalanang le “kgopolo ya go ipusa ga merafe epe fela e e nang le ngwaoboswa e e tshwanang ya setso le ya puo, mo teng ga karolo ya naga ya bone ya bonno mo Repaboloking ya rona kgotsa ka tsela epe fela e nngwe” e dumalana le ACHPR, UNDRIP le ICCPR.
- Ka go tsenela ditiro tse boikaelelo jwa tsone e leng go senya tshwanelo ya go ipusa e e amogelwang ke Karolo 235, MKP e thulana le ACHPR, UNDRIP le ICCPR.
- Ditiro tse di dirwang ke merafe ya batho ba maemo a a tlwaelegileng fela le ke baeteledipele ba bone ba segosi di letleletswe ke Karolo 235, mme MKP ga e na sepe le dilo tsa botlhokwa, mekgele, mmogo le mathata ao merafe ya setso le merafe e mengwe e sele e itemogelang one mo nageng ya rona.
- Boikaelelo jwa dimametlelelo tsa ga jaanong le tsa nako e e fetileng tsa molaotheo ke go gagamatsa taolo le go feta mo pusong gore bo senye kgololesego le ditshwanelo tsa merafe le tsa batho ka bongwe.
- Boiteko jono jwa go phimola Karolo 235 ya Molaotheo ke kgato e e kotsi ya go tlhokomologa tumalano e e neng ya dirwa e e dirileng gore re nne le tsamaiso ya ga jaanong ya Puso ya Aforika Borwa.
Go ya ka Uys, MKP e ne ya ntsha mabaka mo Palamenteng gore Karolo 235 ya Molaotheo e tshwanetse go phimolwa ka gonne merafe ya Ma-Aforikanere, jaaka Orania, e e dirisa ka tsela e e sa tshwanelang go supa lebaka la go nna teng ga bone. “Go ya ka dimametlelelo tsa ga jaanong le tsa nako e e fetileng tsa MKP, mabaka ano a bone ke a go bipa mabaka a mmatota a ditiro tsa bone tsa go senya merafe ya setso, ditshwanelo tsa setso le ditshwanelo tsa go nna le dithoto ka diphelelo tse di tla dirang gore puso e gagamatse taolo gotlhe gore boradipolotiki e nne bone fela ba ba tshwereng taolo ka botlalo gore merafe, magosi le batho ka bongwe ba amogiwe kgololesego, ditshwanelo le taolo e ba nang le yone. Go gagamatsa taolo gono go bonala sentle fa tshitshinyo eno ya go phimola Karolo 235 ya Molaotheo e balwa mmogo le Mametlelelo ya MKP ya bo 22 ya Molaotheo, e boikaelelo jwa yone e leng go fedisa kgonego ya go nna ga bone le ditsha tsa bone mo nageng ya rona le go dira gore puso e nne yone fela mong wa ditsha tsotlhe le ditsompelo tsotlhe tsa tlhago ka go fetola Karolo 25 ya Molaotheo.”
“MKP e bolela gore Karolo 235 ga e tsamaisane le setso sa Se-Aforika le gore go sirelediwa ga ditshwanelo tsa batho ka bongwe ke yone fela tlhomamisetso ya gore ba tla nna le ditshwanelo tsa bone tsa setso le tsa morafe. ACHPR e sireletsa ditshwanelo tsa batho ka bongwe le tsa morafe ka botlhale e bile e tsaya kgono ya bone ya go ipusa e le tshwanelo ya motheo e ba ka se kang ba e amogwa – go bonala sentle-ntle gore MKP ke yone e e sa tsamaisaneng le setso sa Se-Aforika,” Uys o konela jalo.



