AfriForum e fenya kgetsi ya kgotlatshekelo e e tsereng lobaka lo loleele kgatlhanong le Tonakgolo ya Foreisetata

Maabane, AfriForum le Mafube Business Forum (MBF) ba fentse kgetsi kwa Kgotlatshekelongkgolo kwa Bloemfontein e e tsereng lobaka lo lo leele kgatlhanong le Tonakgolo ya Foreisetata le balatofadiwa ba bangwe ba le 12. Mo kitsisong ya sone ya semolao, setlhopha sotlhe sa baatlhodi se fitlhetse gore Tonakgolo ya Foreisetata le balatofadiwa ba bangwe, go akaretsa le Khansele ya Bakhuduthamaga ya porofense, ba ne ba sa diragatsa ditaelo tsa kgotlatshekelo tse ba di neilweng ka di 28 Moranang 2022 le ka 29 Phukwi 2021 mme ka jalo ba molato wa go sa ikobele kgotlatshekelo.

Tshwetso eno e tserwe morago ga gore AfriForum e tlhatlhele kgetsi ya go sa ikobelweng ga kgotlatshekelo e e neng ya reediwa ke setlhopha sotlhe sa baatlhodi kwa Kgotlatshekelongkgolo ya Bloemfontein ka di 11 Diphalane 2024. Boikaelelo jwa kgetsi ya AfriForum le ba MBF ke go netefatsa gore ditirelo di dirwa ntle le go di kgaotsa kwa Mmasepaleng wa Selegae wa Mafube, o o akaretsang Frankfort, Tweeling, Villiers le Cornelia. Go ya ka AfriForum, ditirelo di batla di kgaoditse, segolobogolo kwa Frankfort.

Gareng ga tse dingwe, balatodiwa ba ne ba laelwa gore ba feleletse le go tsenya tirisong leano la go busa ditatlhegelo tse di nnileng teng tsa madi kwantle ga tiego epe; gore ba emise ka bonako kgotlelo ya Dinoka tsa Vaal le Wilge e e bakwang ke madirelo a mmasepala a go itshedisa metsi a a leswe; le go begela kgotlatshekelo ka fa tlase ga maikano mo malatsing a le 60 ka dikgato tsa nakwana tse di tserweng go thibela go elela ga leswe la matlwanaboithusetso.

Baatlhodi e leng J. Daffue, S. Chesiwe le S. Hefer, ba ne ba nopola Ngaka Namane Masemola, yo e leng Motlatsa-Tona wa Lefapha la Puso-tshwaraganelo le Merero ya Setso mo katlholong ya bone, ba gatelela gore batho ba Foreisetata ba tshwanelwa ke go direlwa ditirelo ka tsela e e botoka. Ba ne ba ntsha mabaka a gore bommasepala ba tshwanetse go nna le tsela e ntšha ya taolo mme ba sikarisiwe maikarabelo a ditlamorago tsa ditiro tsa bone le gore ba dire ditirelo ka tsela e e nang le maikarabelo.  Mo godimo ga moo, baatlhodi ba ne ba ntsha mabaka a gore balatofadiwa ba ne ba itlhokomolositse maikarabelo a bone a molaotheo ka tsela e e maswe thata le go gatakela ditshwanelo tsa baagi ba Frankfort le ba ditoropo tse dingwe tsa Masepala wa Mafube.

Go ya ka Jaco Grobbelaar, e leng Tlhogo ya Kgaolo-Bogare ya AfriForum, taelo ya kgotlatshekelo ke phenyo e kgolo kgatlhanong le Mmasepala wa Mafube, e leng se se gatelelang go palelwa ga mmasepala ono ke ditirelo. “Re itumelela katlholo e e ntshitsweng le ntlha ya gore baatlhodi ba supa gore mmasepala ga o na madi a a tlhokegang go tlhabolola mokgwa wa go tlamela ka ditlamelwa. Katlholo eno e tlhomamisa gape gore go palelwa ke ditirelo ga mmasepala go etegetse le gore ga o na boikemisetso jwa sepolotiki jwa go rarabolola mathata ano. Mmasepala a rata thata go tsenela dingangisano tsa mo kgotlashekelong tse di tsayang dingwaga-ngwaga mo boemong jwa go rarabolola mathata a toropo. Grobbelaar o ne a gatelela gore ke nako ya gore baagi le ditheo tsa poraefete di letlelelwe go tlamela ka ditirelo le go kokoanya madi a ditirelo tseo,” Grobbelaar o ne a gatelela jalo.


Christa Ikking, Mokhuduthamaga wa AfriForum mo Kgaolong ya Highlands, o gatelela gore mmasepala ga o diragatse maikarabelo a one a semolao mme o palelwa thata ke go thusa setšhaba ka ditirelo. “Tsheko e tlhalosa makgetlho a le mmalwa a Mmasepala wa Mafube o ileng wa latofadiwa ka tirelo ya maemo a a kwa tlase ka one le go se dire ditirelo, le gore e bile ga ba kgathalele go ikobela taelo ya kgotlatshekelo. Le fa go ntse jalo, katlholo eno e netefaditse gore, mo mabakeng a ba sa bontshang go tlotla kgotlatshekelo mo go one, ba tla patelediwa ke molao go bontsha tlotlo eo.”

Go ya ka Ikking, mokgele wa konokono wa kopo e e tlhatlhetsweng e ne e le go lwela ditshwanelo tsa baagi ba mmasepala le go tlhomamisa gore ditirelo di a tsosolosiwa fano. “Jaanong re atlegile mo mokgeleng o mogolo wa go pateletsa porofense go tsereganya le go begela kgotlatshekelo mathata ano,” Ikking o ne a konela jalo.

Similar Posts