Tshingwana ya merogo ya Ikageng jaanong e romela dikumo tsa yone kwa dikemeng tsa go tlamela dikolo ka dijo kwa Thaba’ Nchu

Kgosi Gaboilelwe Moroka
Barend Uys
Leon Lourens

Tshingwana ya Ikageng, e leng porojeke e e kopanetsweng ya tshingwana ya merogo ya motse wa Noga’s Post kwa Thaba’ Nchu, ka fa ntle ga Bloemfontein, e ntse e naya dikema tsa go tlamela ka dijo tsa dikolo tse pedi mmogo le bagodi le batho ba ba tshelang ka bogole mo baaging dingata di le 400 tsa sepinatšhe kgwedi le kgwedi mo dikgweding di le mmalwa tse di fetileng. Dithekiso le dimpho tse porojeke eno e nnang le tsone ke phitlhelelo e e botlhokwa ya kgatelopele ya porojeke eno ya go itlamela le go nna le dipoelo. Porojeke eno e tlhamilwe ke tirisanommogo gare ga AfroForum, Saai le Kgosi Gaboilelwe Moroka, e leng Kgosi ya morafe wa setso wa Barolong Boo Seleka.

Palogotlhe ya ditlhatshana di le 320 di rekisediwa Sekolo sa Bogareng sa Maserona le Sekolo sa Poraemari sa Ratau ga jaanong jaana. Mo godimo ga moo, porojeke eno gape e abela dikema tseno tsa go tlamela ka dijo ditlhatshana di le 40 kgwedi le kgwedi le go abela bagodi le batho ba ba tshelang ka bogole ditlhatshana tse dingwe gape di le 40.

Go tloga ka Ferikgong go fitlha ka Seetebosigo monongwaga, porojeke eno e setse e tlhagisitse dingata tsa sepinatšhe di le 2 230 – tseo di ka nnang 1 750 tsa tsone di ileng tsa rekisiwa mme dingata di le 480 tsa tsone di neng tsa abelwa batho ba ba tlhokang. Palogotlhe ya mo e ka nnang 710 kg ya merogo e mengwe (230 kg ya dieie, 230 kg ya ditapole le 250 kg ya dierekisi) le tsone di ne tsa rojwa le go rekisiwa ke porojeke eno e e dirang mo baaging go simolola ka Ferikgong.

Porojeke eno e e atlegileng e ne ya tlhomiwa dingwaga di le thataro tse di fetileng, mme maloko a baagi a a dirang mo go yone a ile a e dirisa ka botlalo. Porojeke eno e bidiwa Tshingwana  ya Ikageng fa e sa le mo tshimologong ya ngwaga. Leina leno le le tlhophilweng ke maloko a morafe le kaya ‘go ikaga’ e bile le bontsha kgatelopele e batho ba ba tsayang karolo mo go yone ba e fitlheletseng ka go dira ka natla le go ineela mo go yone.

Gape, maloko a setšhaba, ka go nna le seabe ga bone mo porojekeng eno, a neilwe katiso ya semmuso, e e eteletsweng pele ke Yunibesiti ya Bogare ya Thekenoloji, Foreisetata (CUT), Yunbesithi ya Foreisetata (UFS), le Yunibesiti ya Lefatshe Lotlhe ya go Ithuta Botshelo Jotlhe. Lenaneo-Katiso leno, le le bidiwang lenaneo la Batšhelara ya Seporofešenale ya “Pathway to Temong”, boikaelelo jwa lone ke go tlamela maloko a morafe ka tšhono ya katiso ya go rutwa dikgono-tiro.  Lefoko Temong le raya ‘go gola’ mme le supa kgolo e maloko ano a morafe a e dirileng ka go fetsa kgato 3 go ya go 5 ya lenaneothuto leno.

Kgosi Moroka o leba kwa morago ka tebogo go dingwaga di le thataro tse di fetileng fa e sale porojeke eno e tlhomiwa: “Temana ya re: ‘O tla dijo ka mofufutso wa sefatlhego sa gago go fitlha o boela mo mmung.’ Fa go sena tlhaelo ya dijo mo morafeng, go nna le thetebalo – ka jalo, rona jaaka Barolong Boo Seleka, re tsepamisitse mogopolo wa rona mo go seno ka gonne re tlhaloganya botlhokwa jwa yone. Ke nako! Go a tle go twe loeto lwa dikilometara di le sekete lo simolola ka kgato e le nngwe. Ga ke dumele gore jaanong re kgona go leba kwa morago dingwaga di le thataro. Re lebogela nako e e botlhokwa le seabe sengwe le sengwe sa botlhokwa le go intsha setlhabelo tse di dirileng gore go nne le phitlhelelo ya bogolo jo bo kalo.”

O tswelela jaana: “Ke motlotlo ka maloko ano a morafe. A kgotlheletse. A tlhaloganya se bagarona ba se batlang: go kgona go itlamela le ditiro tse di kgonang go itsetsepela. Ga go na maloko  ape a morafe a a tshwanetseng go tshwarwa ke tlala kgotsa go ikaya e le bahumanegi. Re isa kgalalelo yotlhe go Morena le Mmoloki wa rona. Kgang eno ya katlego e kgonegile ka Ene. Re leboga badirisani-mmogo le rona, AfriForum le Saai, ba ba se keng ba ipona tsapa, bogolo jang mo dinakong tse di thata fa motho a ikutlwa a batla go latlhela seditse.”

Barend Uys, Tlhogo ya Dikamano le Tirisano Gare ga Ditso Tse di Farologaneng kwa AfriForum, o tlhalosa “loeto” lwa dingwaga tse thataro tse di fetileng jaana: “Tebogo, tlotlo le tsholofelo – mafoko ano a mararo a sobokanya maikutlo a rona ka mosepele wa dingwaga tse thataro tse di fetileng. Re leboga Rraarona wa Selegodimo le mongwe le mongwe yo o nnileleng le seabe mo kgannyeng eno ya katlego e e fitlheletsweng ka boikokobetso. Motho o tshwanetse go tlotla maloko otlhe a setšhaba a a ileng a dira ka go kgotlhelela le ka boineelo le bao ba ithulaganyetsang isagwe. Re tletse tsholofelo ka gonne kgang ya morafe ono e bontsha se se ka fitlhelelwang fa batsaya-karolo ba ba farologaneng le maloko a morafe wa setso a dirisana mmogo go fitlhelela mokgele wa bone.”

Mafusi Ntsane, yo e leng Mookamedi wa Nakwana wa Noga’s  Post, le ene o solofela gore kgang eno ya katlego e tla rotloetsa ba bangwe. “Re motlotlo ka se, rona maloko a morafe, re se fitlheletseng. Re solofela gore kgang ya rona e tla rotloetsa le ditlhopha tsa merafe e mengwe gore ba sole molemo tshegetso le ditšhono tse ba di newang gore ba kgone go ithusa. Re kgona go bontsha se re leng sone ka se re se dirang le se re se fitlhelelang. Re laletsa bana-le-seabe ba bangwe bao le bone ba ka ratang go nna karolo ya kgang ya rona e e itumedisang gore ba nne le seabe mo Tshingwaneng ya Ikageng. Go reka didirisiwa tse dingwe, jaaka matloa a a tlamelang ka meriti go tla re solegela molemo fela thata.”

Saai, e leng mokgatlho wa balemirui, le yone e nna le seabe mo porojekeng eno. Mookamedi wa Tsa Tlhabololo wa mokgatlho ono, e leng Leon Lourens, o dumela gore go na le sengwe se se kgethegileng ka morafe wa setso wa Barolong Boo Seleka: “Morafe ono wa setso, fela jaaka merafe e mengwe e e nweleletseng thata mo setsong, o na le sengwe le sengwe se madi a ka se kang a se reka: e leng batho ba ba siameng le lefatshe le le nang le kgono ya go ungwa. Ke tshiamelo go bo Saai e kgona go nna le seabe mo maitekong ano a a kopanetsweng gore bokgoni jono jwa temothuo bo dirisiwe ka go dira gore ditiro tsa temo tsa balemi ba ba santseng ba fatlhoga di dirwe ka maano a segompieno, ka tiriso ya metšhine le ka ditsela tsa go gweba ka tsone.”

Ntsane o konela jaana: “Re leboga AfriForum le Saai go tswa botennyeng jwa dipelo tsa rona. Kgwetlho ya rona e kgolo mo temothuong e ne e le go nosetsa, mme ka thuso ya bone, ga se tshingwana ya rona fela e e nang le metsi mme le motse wa rona o na le one. Maloko a morafe a leba porojeke eno ya merogo jaaka setlamo sa bokamoso jwa rona mme rona jaaka bagwebisani ba ba nang le moono o o reng Ikageng ka diratswana, o o rayang “ikageng ka ditshingwana’”.

AfriForum le Saai ba nna le seabe mo Tshingwaneng ya Ikageng ka kgodiso ya go tlhabolola temothuo, Letsholo la go Tsosolosa Temothuo e e Kgonang go Itsetsepela (RRAIN).

Similar Posts

#OnsSalSelf