|

Tirisanommogo ya Tlhabololo ya Temothuo e keteka thobo ya ntlha

Tirisanommogo ya tlhabololo ya temothuo fa gare ga Afriforum, Saai le Kgosatsana Gaongalelwe Moiloa, yo e leng Mothei-Mmogo wa Mokgatlho wa Bahurutshe Ba Ga Moiloa, e tlhagisitse thobo ya yone ya ntlha morago ga go tsenngwa ga sedirisiwa se se nosetsang ka go kgatsha metsi se se dirisang motlakase o o dirang ka mogote wa letsatsi ka 2025 mo karolong ya polasi ya Jagersfontein kwa Mahikeng. Palogotlhe ya dikereiti di le 15 tsa pepere e tala, dikereiti di le 18 tsa ditamati le dierekisi tsa boima jwa 29 kg di ne tsa rekisediwa baagi, batho ba ba iperekang ka go rekisa, mmogo le mebaraka e e mo baaging.

Kgosatsana (Princess) Gaongalelwe Moiloa (English)

“Mo go nna, seno ga se fela kgang ya go lema, mme go dira jalo gape go amana le go nna le seriti, kgono ya go itlamela le go nna le tsholofelo,” go bolela jalo Moiloa. “Gantsi ke lema ke le nosi, mme se se ntirang motlotlo gape ke gore ke bapatsa dikumo tsa me ka bonna. Ke phitlhelelo ya se ke neng ke se batla, mme gape se dira gore basadi ba bangwe mo tikologong ya gaetsho le bone ba nne le tsholofelo.”

Go kgotlhelela le go ikemisetsa ga ga Moiloa go bona kwa a ka rekisang dikumo tsa gagwe teng ke bosupi jwa gore o a itlotla, o motlotlo e bile o ititeile sehuba go bona katlego e e nnetseng ruri mo tikologong ya gaabo.

Leon Lourens (English)

“Porojeke eno e bontsha se se ka kgonegang fa go na le didirisiwa, motataisi le phitlhelelo ya mekgele e e ipeetsweng. Go gweba ga go simolole ka go nna le metšhini e megolo, mme go simolola ka thobo ya ntlha e e atlegileng e e rekisiwang kwa mebarakeng. Ke gone kwa kgolo ya ntlha e e kgonang go itsetsepela e simololang gone,” go bolela jalo Leon Lourens, Mookamedi wa Tlhabololo kwa Saai.

Go ya ka Nantes Kelder, Mookamedi wa Bosetšhaba wa Porojeke wa Dikamano le Tirisano Gare ga Ditso Tse di Farologaneng kwa AfriForum, boleng jwa letsholo leno ga bo ame temothuo fela.

Nantes Kelder (English)

“Se se diregang fano ke go atlega ga Mokgatlho wa Merafe ya Setso o o dirilweng ka batho ba maemo a a tlwaelegileng fela wa maloko a a tlotlanang. Diporojeke tse di tshwanang le eno di tlhoma le go nonotsha kamano fa gare ga batho ba maemo a a tlwaelegileng fela e bile di bopa bokamoso jo mo go jone merafe e e farologaneng ya setso e tla kgonang go tshedisana ka kagiso. Jono ke boswa jo re batlang go bo tlogelela bana ba merafe e e farologaneng ya setso mo lonakeng lo lo kwa borwa jwa kontinente ya Aforika. Fa re le merafe e e tlhophang go nna le tirisanommogo mo go tsa temothuo, re fokotsa e seng fela tlhaelo ya dijo mme gape re tokafatsa maemno a loago le ikonomi. Ke bongwe jwa boikaelelo jo AfroForum e nang le jone jwa bokamoso jo bo nang le kgonego ya go tshedisana ka kagiso mo nageng ya rona,” go bolela jalo Kelder.

Afriforum le Saai di tshwaragane le porojeke ya kgodiso ya go tlhabolola temothuo, Letsholo la go Tsosolosa Temothuo e e Kgonang go Itsetsepela NPC (Resilient Regenerative Agricultural Initiative (RRAIN).

“Thobo eno ke kgatelopele e e santseng e simolola ya mokgele wa me o moleele wa gore kwa bofelong, ke bo ke na le kgwebo e e kgonang go itsetsepela le e e ungwang ya temo,” Moiloa o konela jalo.

Similar Posts

Ons is Afrikaners