|

Porojeke e ntšha ya go rua dikoko tse di beelang mae e simolodisiwa ke tirisanommogo ya ditso tse di farologaneng

Porojeke e e kopanetsweng ya go rua dikoko tse di beelang mae e simolotswe gompieno kwa Batlharos, e leng motsemogolo wa morafe wa setso wa Batlharo Ba Ga Motlhware kwa bokone jwa Kuruman kwa Kapa Bokone. Mo godimo ga go tlamela ka pakane ya go simolola e e akaretsang dikoko tsa Boschveld, hoko ya dikoko le didirisiwa tse dingwe, maloko a morafe a ne a tlamelwa ka katiso ya go rua dikoko. AfriForum le morafe wa setso wa Batlharo Ba Ga Motlhware gape ba saenile tumalano ya kamogelano le tirisanommogo ka nako ya tiragalo eno.

Porojeke eno ya tlhabololo ya temothuo e tsenngwa tirisong ke Kgotla ya Setso ya Batlharo Ba Ga Motlhware ka tirisanommogo le AfriForum le Saai. Seno se kgontshiwa ke kgodiso ya tlhabololo ya temothuo le ke Letsholo la go Tsosolosa Temothuo e e Kgonang go Itsetsepela (RRAIN) ga mekgatlho e mebedi eno. Ke dipholo tsa Puo ya ngwaga le ngwaga ya Segopotso sa bobedi ya Lenaka e e neng ya neelwa ke ba Ntlo ya Bosetšhaba ya Baeteledipele ba Setso le ba Khoi-San (NHTKL), e e neng e tshwaretswe kwa Batlharos ka Ngwanatsele 2025.

“Porojeke eno e tla fokotsa tlhaelo ya dijo mo morafeng wa rona ka go tokafatsa tsela e maloko a morafe a ka bonang dijo tse di tlhwatlhwatlase tse di nang le diporoteine e ntsi ka yone. Gape e dira gore go nne le tšhono ya go nna le kitso ka lephata la temothuo e bile e na le kgonego ya go tsenya lotseno lo lo sa kgaotseng lo lo ka dirisediwang go solegela morafe wa rona molemo. Re lesego go bo re kgona go dira le bana-le-seabe ba ba batlang go solegela batho mo morafeng molemo,” go bolela jalo Kgosi Pelonomi Toto, Kgosi wa Batlharo Ba Ga Motlhware le Modulasetilo wa Kgotla ya Setso ya Batlharo Ba Ga Motlhware.

“Go neelwa ga Puo ya Lenaka ya ngwaga le ngwaga e re naya tšhono ya go keteka ngwao-boswa ya rona e e humileng fa e ntse e rotloetsa tlhabololo ya loago le ikonomi mo merafeng ya setso. Mokgwa o re dirang dilo ka one ke wa go nonotsha dikamano tsa tirisanommogo, bokgoni jwa badiri mo ditheong le go bula ditšhono tsa kgolo e e kgonang go itsetsepela. Go a rotloetsa go bona gore letsholo leno le dirile gore re boe gape re tlhome porojeke e e tla tlogelelang morafe wa setso boswa jo bo nnelang ruri le jo bo siameng,” go bolela jalo Kgosi Thabo Seatlholo, Modulasetilo wa NHTKL.

AfriForum e lesego tota go bo e na le tirisanommogo le Batlharo Ba Ga Motlhware le NHTKL mo letsholong leno. Ke bosupi jwa gore isagwe e ntle ya bana ba naga ya rona e a kgonega fa merafe ya setso e dirisana mmogo ka go amogelana le ka go tlotlana gore maloko a morafe a kgone go tokafatsa matshelo a bone, le gore e kgone go itlamela. Re leboga KLK Landbou yo tshegetso ya gagwe e thusang go dira gore porojeke e kgonege”, go bolela jalo Kallie Kriel, CEO wa AfriForum.

“Tlhaelo ya dijo mo metseselegaeng e santse e le kgwetlho e kgolo. Tsela e e molemo ya go rarabolola bothata jono, mmogo le go tlhama khumo, ke go tlhomelela batho ba ba nang le keletso le bokgoni ka kemonokeng e e siameng gore kwa bofelong, ba kgone go tlhagisa dikumo tsa kgwebo. Re lebogela tšhono ya go tsaya karolo mo porojekeng eno, e e thusang go tlhomelela maloko a morafe wa setso go lwantsha phepelotlase le go itshedisa ka temothuo”, go bolela jalo Ngk Theo de Jager, Modulasetilo wa Saai.

“Go bonolo gore dikgwetlho tse dikgolo tse naga ya rona e lebaneng le tsone di re tshware mabogo gore re se ka ra dira sepe. Le fa go ntse jalo, porojeke eno e e sa reng sepe, e bontsha gore maloko a morafe le baeteledipele ba ka tlhopha go dirisana mmogo go tokafatsa matshelo a maloko a morafe a maemo a a kwa tlase. Matswela a a molemo a porojeke nngwe le nngwe e nnye a a kopana mme kwa bofelong, a tokafatse maemo a setšhaba sa rona ka kakaretso. Re solofela gore tirisanommogo e e tswelelang pele magareng ga merafe e e farologaneng ya setso, eo porojeke eno e leng sekao sa yone sa bosheng, e tla rotloetsa bana-le-seabe ba bangwe ba ditheo tsa poraefete le tsa puso gore ba nne le seabe mo tlhabololong e e kgonang go itsetsepela mo morafeng,” go ne ga bolela jalo Barend Uys, yo e leng Tlhogo ya Dikamano le Tirisano Gare ga Ditso Tse di Farologaneng kwa AfriForum.

Similar Posts

Ons is Afrikaners