Molaotlhomo wa Boeteledipele jwa Setso le wa ba Khoi-San o kgatlhanong le maitlamo a UN, AfriForum e rotloetsa Tona go diragatsa ditshwanelo tsa baagi ba setso
Go ya ka AfriForum, Molaotlhomo wa Boeteledipele jwa Setso le wa ba Khoi-San, wa ka 2024 (TKLB) ka tsela e o leng ka yone gone jaanong, o kgatlhanong le Maiphako a Ditšhaba-Kopano a Ditshwanelo tsa Batho ba Setso (United Nations Declaration on the Rights of Indigenous Peoples [UNDRIP]). Ka jalo, gompieno AfriForum e dirile boikuelo kwa go Velenko-sini Hlabisa, Tona ya Puso-Tshwaraganelo le Merero ya Setso (Cooperative Governance and Traditional Affairs [COGTA]), go diragatsa ditshwanelo tsa baagi ba setso le go dira diphetogo tse di botlhokwa mo molaotlhomong.
AfriForum e supile gape gore molaotlhomo o tshwanetse go fetolwa gore o bontshe tlotlo le go tsaya tsia seriti sa magosi, malapa le baagi, le go ba naya maatla a go etelela pele gore ba fitlhelele se ba batlang go se fitlhelela. Lekwalo le le kwaletsweng Tona le kwadilwe morago ga fa AfriForum e sena go ditshwaelo mo molaotlhomong o o neng wa romelwa mo bekeng e e fetileng.
Go ya ka Barend Uys, yo e leng Tlhogo ya: Dikamano le Tirisano Gare ga Ditso Tse di Farologaneng kwa AfriForum, mafoko a molaotlhomo ono a tshwenya fela thata. Mo karabong ya 2023 ya palamente, Lefapha la COGTA le ne la akgola UNDRIP jaaka thulaganyo ya “ditekanyetso-potlana tsa go falola, tsa go nna le seriti le tsa boitekanelo jwa bath oba setso”. Go sa kgathalesege puso ya Afrika Borwa e dumalana le maiphako ano a UN, TKLB e farologana thata le melawana e maiphako ano a batlang go e rotloetsa.
Mo lekwalong la yone le le yang kwa go Hlabisa, AfriForum e tlhalosa gore:
- Molaotlhomo ga o a siama e bile ga o a tshwanela ka gonne o letlelela maemo a mabedi fela a boeteledipele jwa baagi ba Ba Khoi-San, fa mo gare ga baagi ba setso go letlelelwa maemo a mararo a boeteledipele.
- Maloko a morafe wa ba Khoi-San ga ba akarediwe mo Khomišeneng ya merero ya ba Khoi-San, le fa gone ba na le bokgoni jo bo seng kana ka sepe jwa go thusa ka ditshwanelo ka dingwao, ditlwaelo, ditso le molao wa setso wa merafe ya ba Khoi-San.
- Dipolelwana tsa semolao tsa 16(18) le 16(19) di naya Tonakgolo thata ya go tseela batho lefatshe (ke se mareo ano a se kayang a a rayang gore “fetola lefelo le a nang le taolo mo go lone”) la morafe morago ga go buisana le khansele ya setso kgotsa khansele-potlana, go sa kgathalesege gore a ba a dumalana kgotsa ga ba dumele.
- Tonakgolo e neilwe thata ya go tsaya ditiro tsa lekgotla la setso ka botlalo ka nako e e sa lekanyediwang ntle le go baya maemo ano leitlho.
- Molaotlhomo ono o naya Tonakgolo thata ya go nna le lefoko la bofelo mo tumalanong epe fela e e dirwang ke lekgotla, o tseela magosi le makgotla taolo.
- Molaotlhomo ga o neya makgotla dithata tsa go etelela pele go rulaganya le go tsenya tirisong matsholo a tlhabololo a baagi, mananeo le diporojeke mme o lekanyetsa bokgoni jwa bone jwa go tlisa pharologano mo baaging.
- Molaotlhomo ono, ka tsela e o leng ka yone gone jaanong o thulana le diathikele tse di farologaneg tsa UNDRIP.
“Mafoko a molaotlhomo a dira gore motho a akanye gore ga o a kwalwa ka maikaelelo a go sireletsa le go tlhabolola merafe ya setso le dingwao tsa bone, setso, dipuo, ditlwaelo, molao wa setso le ngwao-boswa. Go lebega boikaelelo jwa seno e ne e le go dira gore batlhannkedi ba puso ba kgone go laola dilo ka botlalo le go lekanyetsa matsholo le taolo ya magosi, ya malapa a segosi le makgotla “, go bolela jalo rialo Uys.
Uys a re “go na le gore e nne molaotlhomo o o nonotshang magosi, makgotla le baagi gore ba sikare maikarabelo a isagwe ya bone le go etelela pele tlhabololo, e lekanyetsa matsholo a bone le go rolela matsholo otlhe le taolo mo batlhankeding ba puso “.
“Go tshedisana mmogo ka kagiso ga ditso tsotlhe mo nageng go ikaegile ka go tlhoma dikamano tse di siameng fa gare ga ditso tse di farologaneng le tirisanommogo ya tsone e e theilweng mo go amogelaneng le go tlotlana. Ke ka lebaka leo AfriForum e agang ka matlhagatlhaga marangrang a ditso tse di ka thusanang mo mererong e e tshwanang le eno go netefatsa gore bana ba baagi botlhe ba tlile go nna le isagwe e e atlegileng mono mo borwa jwa Afrika”, Uys o konela jalo.