Maaforikanere le Seleka Barolong ba keteka dingwaga di le 160 tsa botsalano ka go tsosolosa mabitla a hisitori le sefikantswe
Gompieno, AfriForum le Barolong Boo Seleka ba gopola tumalano le tirisanommogo e e neng ya saenelwa dingwaga di le 160 kgo go tla go fitlha gompieno, ka di 27 Mopitlwe 1865, magareng ga kgosi ya nako eo ya Barolong Boo Seleka, Kgosi Moroka II, le Rephaboliki ya Orange Free State (OFS). Tiragalo eno ya hisitori e tsewa e le tshimologo ya tirisanommogo ya semmuso le kamogelano magareng ga Maaforikanere le Barolong Boo Seleka. Mo tiragalong ya segopotso sa gompieno, go ne ga dirwa tshirololo ya mabitla a a tsosolositsweng a lelapa la segosi la Barolong Boo Seleka le sefikantswe se se ketekang ditlhopho tsa puso ya ntlha ya Maforoterekere ka 1836 kwa Thaba’Nchu.
Kgang ya Maaforikanere le Barolong Boo Seleka e tletse ka dikai tsa dikamano tse di siameng le tirisanommogo. Maforotereke a ne a goroga kwa Thaba’Nchu, bogosi jwa Barolong Boo Seleka, ka 1836 mme ba ne ba amogelwa ka botsalano ke Kgosi Moroka II. Gareng ga tse dingwe, o ne a romela dipholo kwa lekokong la Maforotereke la ga A. H. Potgieter gore ba kgone go boela morago kwa go bolokesegileng gone ka Thaba’Nchu morago ga go tlobelwa ba ipohotlhere fela ka Diphalane 1836 – morago ga tlhaselo ya lager kwa Vegkop, gaufi le Heilbron ya gompieno. Lekoko la Maforoterekere la ga Uys le lone le na la aga kereke ya lone ya ntlha e e ruletsweng ka Bojang mono ka 1837 mme la keteka Selalelo sa Morena lekgetlho la ntlha ka kwa ntle ga Kolone ya Kapa ya nako eo.
Barolong Boo Seleka, ka fa tlase ga boeteledipele jwa ga Kgosi Moroka II le motlhatlhami wa gagwe Kgosi Tshipinare, e ne e le tsala e e botlhokwa thata ya OFS mme tirisanommogo e e neng e le teng e ne ya netefatsa gore merafe e mebedi eno ya setso e tswelela e le teng. Morago ga fa Kgosi Tshipinare a sena go bolawa ke morwarragwe ka 1884, OFS e ne ya gapa Thaba’Nchu ka go boifa gore baeteledipele bay one ba ne bat la kgokgontshiwa ke Bogosi jwa Lesotho, jo ka nako eo e neng e le jone moemakgatlhanong yo mogolo wa Barolong Boo Seleka le OFS.
Jaaka sesupo sa tebogo ya se Barolong Boo Seleka ba se diretseng Maaforikanere, tiro ya go aga kereke ya Ereskuld (sekoloto sa tlotlo) e simolotse ka 1928. Kereke eno e e tlhomologileng kwa Thaba’Nchu e ne ya bulwa ka 1932
Dikamano tse di siameng le tirisanommogo magareng ga Barolong Boo Seleka le Maaforikanere di ne tsa tsosolosiwa ka 2020, mme ka ntlha ya seno, AfriForum e ne ya ema nokeng lelapa la segosi fa le n e le lwela go amogelwa ke puso ya porofense e ka nako eo e neng e le ya ga Ace Magashule. Fa e sale ka nako eo, AfriForum le Barolong Boo Seleka gape ba simolotse diporojeke di le mmalwa tse di kopanetsweng tsa tlhabololo ya temothuo (ka tirisanommogo le netweke ya lelapa la balemirui la Saai) le diporojeke tsa ngwao-boswa.
Go ya ka Kgosi Gaboilelwe Moroka, e leng kgosi ya morafe wa setso sa Barolong Boo Seleka, go botlhokwa go gakologelwa tse di molemo le tse di bosula tsa nako e e fetileng. “Go botlhokwa thata gore re tlotle bagologolwane ba rona ba ba ileng ba intsha setlhabelo gore re nne le isagwe. Re batla go fetisetsa boswa jo bo tlhwatlhwakgolo jo re bo amogetseng mo go bone mo kokomaneng e e latelang bo le mo amemong a a botoka. Go nnela go akanya ka dilo tsa nako e e fetileng ga go kitla go rarabolola dikgwetlho tse dikgolo tse re lebaneng le tsone tsa lehuma, go tlhaela ga dijo, go tlhoka ditiro le bokebekwa. Ke ka moo re tsayang se se siameng go tswa mo nakong e e fetileng mme re dirise ditlhamosešwa tsotlhe le ditirisanommogo tse re nang le tsone gompieno le go tsepamisa maatla a rona mo go netefatseng gore ban aba rona b anna le isagwe e e itumedisang.”
Barend Uys, Tlhogo ya: Dikamano le Tirisano Gare ga Ditso Tse di Farologaneng kwa AfriForum, o gatelela gore tirisanommogo magareng ga ditšhaba e botlhokwa thata. “Borraetsho ba ne ba le botlhale mme ba tlhaloganya gore tirisanommogo le ditlhopha tse dingwe tsa setso e botlhokwa go netefatsa gore Maaforikanere a tla tswelela a le teng mono mo ntlheng ya Borwa jwa Aforika. Re rotloediwa bosha ke molemo o o ka bonwang mo ditiragalong tsa nako e e fetileng, mme re dire ka boineelo le ka boikokobetso gore, go ya ka mafoko a ga N.P. van Wyk Louw, re tswelele re le teng fano ka tshiamiso. Marangrang a mefafe ya setso, a a theilweng mo motheong wa go amogelana le go tlotlana, a a ntseng a bopega gone jaanong mo gare ga batho ba maemo a a tlwaelegileng, a re naya tsholofelo ka isagwe.”
Kallie Kriel, CEO wa AfriForum, le ene o ne a le teng mo tiragalong ya segopotso seno. Go ya ka ene, ditiragalo tse di tshwanang le tseno di tlhomamisa gore go na le dikamano tse di siameng fa gare ga merafe ya ditso tsa batho ba maemo a a tlwaelegileng fela. “Ke baeteledipele ba maemo a a kwa godimo le ba sepolotiki fela ba ba lekang go solegelwa molemo ke boitshwaro le dipolelo tse di tsosang dikgotlhang. Bana ba rona ba botlhokwa mo go rona mme ka jalo re tla tswelela go dira re sa tlhabiwe ke ditlhong go netefatsa gore ba nna le isagwe e e nang le kagiso le e e atlegileng mmogo le ditso tsotlhe mo nageng ya rona”, o ne a konela jalo.
Setshwantsho sa khabara: Kgosi Gaboilelwe Moroka, e leng kgosi ya morafe wa setso sa Barolong Boo Seleka, le Kallie Kriel, CEO wa AfriForum.



