AfriForum e kopa Palamente gore e se ka ya nyatsa taolo ya kgotlatshekelo ya Molaotheo
AfriForum e ikuela go Palamenteng go ngaparela dinako tse di tlhomilweng ke Kgotlatshekelo ya Molaotheo tsa go tlhabolola molao kgotsa go baakanya ditsamaiso tsa molao tse di tsewang di sa tsamaelane le molaotheo kgotsa di sa dire. Seno se direga jaana morago ga taelo e e tlileng thari fela thata ya Kgotlatshekelo e e dirilweng ka di 29 Motsheganong, letlha le kwa tshimologong e neng e tlile go nna le go tswalelwang ka lone, le le neng le okeditse nako ya go amogelwa ga Molao wa Boeteledipele jwa Setso le wa Ba Khoi-San, Molao wa bo 3 wa ka 2019, kgotsa molao o mosha, ka mokgwa o o tsamaelanang le Molaotheo, ka dingwaga di le pedi go fitlha ka la 29 Motsheganong 2027. Taelo e ne ya ntshiwa morago ga gore Tona ya Tshwaraganelo-Puso le Merero ya Setso, e leng Velenkosini Hlabisa, a ise kopo e e seng ya tshoganyetso ka la di 16 Moranang go kopa gore go okediwe nako.
“Lebaka la go bo molao ono, o o botlhokwa thata mo merafeng ya setso mo nageng ya rona o ise o felelediwe go tsamaelana le Molaotheo mo nakong e e beilweng le dira gore merafe e e farologaneng ya setso e nne mo maemong a go sa tlhomamisege mo dingwageng tse dingwe gape tse pedi tse di latelang. Seno se romela molaetsa kwa merafeng gore ditheo le ditheo tsa merafe ya setso, mmogo le ditshwanelo tsa setso le tsa ditlhopha ka kakaretso, ga se tse puso e di eteletsang kwa pele”, go bolela jalo Barend Uys, Tlhogo ya Dikamano tsa Ditso Tse di Farologaneng le Tisanommogo kwa AfriForum.
Tshwetso eno ya Kgotlatshekelo ya Molaotheo ke sekai se sengwe sa gore Kgotlatshekelo e ne ya tshwanelwa ke go oketsa nako gape ka gonne tiro e e tlhokegang e ne e sa wediwa mo nakong e e beilweng. Ka sekai, ka la di 25 Phatwe, 2016, Kgotlatshekelo e ne ya oketsa nako lekgetlo la boraro gape gore go baakangwe dikarorolo 2 le 3 tsa Molao wa Tshireletso ya Diphologolo Tse di Dirisiwang. Ka la di 23 Mopitlwe 2018, Kgotlatshekelo e ne ya oketsa konteraka ya CPS, e pele e neng e sa tlhole e dira, gore go duelwe thuso ya madi a SASSA dikgwedi di le thataro. Ka la di 9 Sedimonthole 2022, Kgotlatshekelo e ne ya oketsa nako lekgetlo la bobedi (go tloga ka la di 10 Sedimonthole 2022 go fitlha ka la di 28 Tlhakole 2023) gore go konosediwe Molao wa Tlhabololoo ya Mokgwa wa Ditlhopho. Ka la di 26 Seetebosigo 2024, Kgotlatshekelo e ne ya letla gore go nne le dingwaga tse dingwe tse pedi gore go baakanngwe Melao ya Lenyalo le Tlhalo, go umaka dikai di le mmalwa fela.
“Puso e e eteletsweng pele ke ANC le maloko a palamente gantsi ba bolela gore Aforika Borwa ke puso ya temokerasi e e dirang go ya ka molaotheo – segolo thata mo malatsing a a sa tswang go feta ka go tsibogela dikgato tse di tserweng le dipolelo tse di builweng ke tsamaiso ya puso ya ga Trump kwa USA. Le fa go ntse jalo, ntlha ya gore kgotlatshekelo e e kwa godimo e tshwanelwa ke go oketsa nako e e beilweng gangwe le gape go thibela Palamente le badiredi ba puso gore ba se ka ba bonwa molato wa go nyatsa taolo ya kgotlatshekelo e supa gore ga ba ineela mo tirong ya bone e bile ga ba ikobele taolo ya molaotheo,” Uys o ne a konela jalo.
Ka Mopitlwe monongwaga, AfriForum e ne ya ikuela kwa go Tona Hlabisa go sireletsa ditshwanelo tsa merafe ya setso le gore a dire ditlhabololo tsa botlhokwa tsa Molaotlhomo wa Boeteledipele jwa Setso le jwa Ba-Khoi-San, wa ka 2024 (TKLB), ka gonne tsela e Molaotlhomo ono o leng ka yone ga jaanong jaana, go ya ka AfriForum, e thulana le Maitlamo a United Nations a Ditshwanelo Tsa Batho ba Setso (United Nations Declaration on the Rights of Indigenous Peoples [UNDRIP]).