AfriForum le Saai ba tsweletsa pele kgato e e latelang ya tlhabololo ya temothuo ya Barolong Boo Seleka
AfriForum le Saai, ka kgodiso ya bone ya go tlhabolola temothuo, Letsholo la go Tsosolosa Temothuo e e Kgonang go Itsetsepela NPC (RRAIN), ba dirile gore kgato e e latelang ya leano la tlhabololo ya temothuo la ga Kgosi Gaboilelwe la morafe wa Barolong Boo Seleka wa kwa Thaba’Nchu e gatele pele ka go tlamela ka madi a katiso ya batsayakarolo ba ntlha ba le masome a mabedi, ba lenaneo la tshingwana ya merogo ya ka kwa morago ga jarata, le ka go ba naya peo ya merogo e e abilweng ke Rijk Zwaan. Katiso eno e tla etelelwa pele ke Thabo Olivier wa Let’s Grow Food.
Kitsiso eno e dirilwe morago ga Tiragalo ya go Simololwa ga letsholo la Ke Nako e e neng e tshwaretswe kwa Holong ya Barolong kwa Thaba’Nchu ka Labone wa di 12 tsa Mopitlwe. Tiragalo eno e ne e tsenetswe ke bana-le-seabe ba ba farologaneng ba ba dirisanang mmogo mo go tsenngweng tirisong ga leano la kgato e e latelang. Agri All Africa, e e nnileng le kgolagano ya nako e telele le AfriForum le Saai, le yone e nnile le seabe mo tiragalong eno mme e tla nna le maikarabelo a go tlhomamisa gore go nna le tšhono e e tshwanetseng ya kgwebo ya tlhabololo ya temothuo.
“AfriForum e lesego go bo e kgona go tswelela ka mokgaphe ono le tirisanommogo e e sa leng e tlhomiwa le ditheo tse dingwe dingwaga di le thataro tse di fetileng. Re lebogela gore boineelo, go dira ka natla le go itshoka ga dingwaga di le mmalwa tse di fetileng go thusitse ka go tlhoma kgolagano e e dirileng gore kgato e e latelang ya tlhabololo ya temothuo ya Thaba Nchu e atlege. Letsholo leno la tirisanommogo le gatelela ntlha ya gore go a kgonega gore merafe e e farologaneng ya setso e tshedisane ka kagiso le thagamo mo nageng ya rona fa ditirisanommogo di theilwe mo melawaneng e e ikobelwang ke botlhe e bile ba na le mokgele o o tshwanang,” go bolela jalo Barend Uys, Tlhogo ya Dikamano le Tirisano Gare ga Ditso Tse di Farologaneng kwa AfriForum.
“Go tlamelwa ga balemirui ba ba santseng ba fatlhoga ka metšhine, ka maano a segompieno a temo le ka ditsela tsa go gweba ka dikumo tsa bone go botlhokwa thata gompieno gore ba kjgone go itirela khumo, ba fedise tlhaelo ya dijo le go tokafatsa maemo a loago le ikonomi ya baagi ba ba nnang kwa metseselegaeng. Re itumelela go nna le seabe mo letsholong leno le le bulelang balemirui ba ba santseng ba fatlhoga ditšhono gore ba dire kgatelopele le go ntsha bokgoni jo bo feletseng jwa bone”, ga bolela jalo Ngaka Theo de Jager, Modulasetilo wa Bakhuduthamaga wa Saai.
AfriForum le Saai di ntse di tshwaragane le diporojeke tsa tlhabololo ya temothuo ka tirisanommogo le Barolong Boo Seleka fa e sa le ka 2020.



