AfriForum le Morafe wa Setso wa Bakgatla Ba Kgafela – batho ba ba nang le tlhotlheletso ba dinaga tse di ka fa Borwa jwa Aforika – tumalano e e saenilweng
AfriForum le Bakgatla Ba Kgafela, batho ba ba nang le tlhotlheletso ba Dinaga Tse di ka fa Borwa jwa Aforika ba ba nnang mo Aforika Borwa le kwa Botswana, ba tla saena tumalano ya botlhokwa ya kamogelano le tirisanommogo kwa Motse-Kapa ka Labone yo o tlang (26 Phukwi). Kgosikgolo Kgafela Kgafela II, yo ga jaana jaana a nnang kwa Kapa Bophirima ka ntlha ya mabaka a tshireletsego morago ga gore ntlo ya gagwe le sejanaga sa gagwe di tlhaselwe ka go jewa ka molelo, o tla saena tumalano eno mo boemong jwa Bakgatla Ba Kgafela.
Go ya ka Barend Uys, yo e leng Tlhogo ya Dikamano le Tirisano Gare ga Ditso Tse di Farologaneng kwa AfriForum, tumalano eno e simolola motlha o moša wa dikamano tse di siameng le tirisanommogo magareng ga Ma-Aforikanere le Bakgatla Ba Kgafela – kamano e e neng ya senyega kwa bokhutlong jwa ngwagakgolo wa bo19.
Tumalano eno e tla tlhoma kgolagano magareng ga ditlhopha tse pedi tsa merafe ya setso, segolo thata fa gare ga botshwaya-diphoso jo bo gagametseng jwa ga Kgosikgolo Kgafela Kgafela II ka bonweenwee jo bo diregang fa pele ga baeteledipele ba ANC le go itshunya nko ka tsela e e sa tshwanelang ga batlhankedi ba Aforika Borwa mo mererong ya setso. Ma-Aforiakanere le Bakgatla Ba Kgafela, go ya ka go amogelana ga bone le go tlotlana, ba leka go aga isagwe e mo go yone merafe ya setso e ka kgonang go tshedisana ka kagiso ka tshosologo, ka pabalesego le ka Katlego kwantle ga go itshunya nko ka tsela e e sa tshwanelang ga boradipolotiki.
Lefatshe la Bakgatla Ba Kgafela mo Aforika Borwa le na le metswedi e e humileng ya polatinamo, motswedi o o ka kgonang go bulela morafe ono wa setso tšhono e kgolo. Kgosikgolo Kgafela Kgafela II o ne a tla mo Aforika Borwa go tla go rarabolola dikgwetlho tse di tshwenyang Bakgatla Ba Kgafela mo Aforika Borwa. Dikgwetlho tseno di akaretsa ditatofatso tsa ditiro tsa bonweenwee le bogodu jwa dikumo tsa polatinamo tse di jang diranta di le makgolo a le dimilione, le go itshunya nko ka tsela e e sa tshwanelang ga balhankedi ba porofense le boradipolotiki mo boeteledipeleng jwa setso. Le fa go ntse jalo, dikgato tsa makgaolakgang tse Kgosikgolo Kgafela Kgafela II a di tsereng le go bua a sa boife sepe ka mathata ano go dirile gore jaanong a tlhaselwe.
“Se se dirang gore Bakgatla Ba Kgafela ba se rate ANC gotlhelele ga jaanong jaana ke gore rraagwe Kgosikgolo Kgafela Kgafela II, e leng Kgosikgolo Linchwe II, o ne a thusa lekoko leno ka nako ya go Kgaratlhela Kgololesego. Gompieno dilo di fetogile gotlhelele. ANC ga e a latlha fela ditsala tsa yone tsa pele, mme go ntse jaaka e kete e di tlhabile ka lerumo ka fa mokwatleng, le go nna baba ba Bakgatla Ba Kgafela le go letla gore khumo ya morafe e thopiwe ke batho”, go tlhalosa jalo Uys.
Hisitori ya Dikamano fa Gare ga Maaforikanere le Bakgatla Ba Kgafela
Bakgatla Ba Kgafela ba kgaogantswe ke molelwane wa boditšhabatšhaba mme ba seoposengwe ka fa tlase ga boeteledipele jwa ga Kgosikgolo Kgafela Kgafela II, e leng motlogolo wa ga Kgosi Kgamanyane. Kgosikgolo e tlhoma kgosi e e etelelang pele mo boemong jwa yone, go etelela Maaforikaborwa a ka nna 350 000 a Bakgatla Ba Kgafela pele, ba ba nnang mo metseng e le 32 gaufi le Phaka ya Bosetšhaba ya Pilanesberg kwa Bokone Bophirima.
Morafe wa Bakgatla Ba Kgafela o ne o nna ka popagano pele o amogangwa ke Paul Kruger mme o ne o nna kwa Serapeng sa diphologolo sa ga jaana ebong Pilanesburg sa ZAR. go tloga kwa tshimologong ya dingwaga tsa bo1800. Le fa bontsi jwa morafe wa setso bo nna fano gompieno, karolo e kgolo ya one, go akaretsa le malapa a a itsegeng thata, e ne ya fudugela kwa ga Mochudi kwa Botswana mo masimologong a dingwaga tsa bo1870 ka fa tlase ga boeteledipele jwa ga Kgosi Kgamanyane. Seno se diregile morago ga kgotlhang fa gare ga Paul Kruger le batlhankedi ba bangwe ba ga ZAR wa nako eo.
Dikamano magareng ga Ma-Aforikanere le Bakgatla Ba Kgafela, ka fa tlase ga boeteledipele jwa ga Kgosikgolo Linchwe I, di ne tsa tswelela di se monate mo tshimologong ya ngwagakgolo wa bo19 ka ntlha ya go bo Bakgatla Ba Kgafela ba nnile le seabe mo Ntweng ya Maesemane le Maburu (1899–1902) ka fa letlhakoreng la Borithane.