AfriForum le March and March ba bopa setlhopha sa tirisanommogo go thusa baagi
Mokgatlho o o lwelang ditshwanelo tsa batho wa AfriForum le mokgatlho wa March and March ba ne ba dirisana mmogo ka boikaelelo jwa go thusa maloko a setšhaba le baagi ba maemo a a tlwaelegileng fela ka nako ya ketelo ya March and March kwa AfriForum ka di 18 Phatwe 2026. Mo kopanong ya bone, go ne ga buisanwa ka dikgwetlho le ditshwanelo tse di kgethegileng, mmogo le ditharabololo tse di ka kgonegang le tirisanommogo. Baemedi ba March and March, ba ba neng ba eteletswe pele ke mothei wa mokgatlho ono e leng Jacinta Ngobese-Zuma, ba ne ba kopana le Mokhuduthamaga wa AfriForum, e leng, Kallie Kriel, le baemedi ba mokgatlho ono o o lwelang ditshwanelo tsa baagi.
Go rulaganngwa sentle ga ditlhopha tsa merafe, matsholo a go ruta batho dikgono-tiro a boikaelelo jwa one e leng tokafatsa maemo a bone a loago le a ikonomi go ya ka molao, thotloetso ya go rutwa ga bana ka dipuogae tsa bone le go rutwa ga bone thuto ya maemo a a kwa godimo e e mosola mo go bone, e e kgonang go fitlhelelwa, le go tsweletswa pele ga mokgwa wa go tshedisana mmogo ka kagiso, ke dilo tse di neng tsa umakiwa tse go nang le kgonego ya go nna le tirisanommogo mo go tsone. Mo godimo ga moo, mekgatlho eno e ne ya dumalana go dirisana mmogo mo dikgannyeng tsa semolao tsa ditshwanelo tse ba di tlhakanetseng mmogo le go tshegetsana mo dikgannyeng tse di amanang le molao le go lwantsha bosenyi ga baagi, mmogo le bofaladi jo bo seng ka fa molaong.
Go ya ka Ngobese-Zuma, botlhokwa jwa go bopa Aforika Borwa e e kopaneng e e theilweng mo melawaneng ya ubuntu, go tlotla ditumelo tsa setso le tsa bodumedi tsa baagi le molao ke selo se se boitshepo, e bile mekgwa-tiro e March and March e dirang dilo go ya ka yone ke go dira gore baagi botlhe ba Ma-Aforika Borwa ba direlwe ditshwanelo tsa bone, tse karolo ya tsone ya konokono e leng go newa thuto gore setšhaba se atlege. Mokgatlho o dumela gore go tshwanetse ga tlhamiwa dithulaganyo tsa go netefatsa gore baagi ba dirisana mmogo go dira gore puso e ikarabelele ditlolo tsa yone le go netefatsa gore batho botlhe ba ikobela molao.
Mokgatlho o dumela gore melelwane e e sa sireletsegang e na le ditlamorago tse di masisi mo ikonoming e e bokoa. Kgolo ya kgwebo ya dithoto e e golang ka lobelo e e seng ka fa molaong e ama dikgwebo e bile e ka nna ya dira gore batho ba latlhegelwe ke ditiro. Bosenyi bo tswelela go baka tshenyo mo baaging, mme mekgatlho ya baagi e tshwanetse go dirisana mmogo go tlhoma dithulaganyo tsa go dira gore go nne le tshireletsego mo baaging. Mokgatlho o dumela gore ditiro tsa bonweenwee le go tlhoka dikgono-tiro ga bangwe, kgotsa ga bontsi mo pusong, go tlhoka tlhokomelo e e potlakileng e bile tirisanommogo ya mekgatlho e e farologaneng ya baagi, e e sa rotloediweng fela ke mowa wa bopolotiki o o sa solegeleng ope molemo, e botlhokwa fela thata gore bosenyi bo fedisiwe.”
“Mokgatlho ono o dumela gore le fa ditheo tseno tsa bone di na le kamano e e siameng, gore le fa ba leba dilo tse dintsi ka mokgwa o o tshwanang, go tla nna le dilo tse ba sa dumalaneng mo go tsone. Ka jalo, kamano ya bone e ikaegile ka go tlotlana, ka go thusana le go thulana ka boikaelelo jwa go fitlhelela mokgele o o tshwanang wa go aga Aforika Borwa e e kopaneng e e amogelang dipharologano”, go bolela jalo Ngobese-Zuma.
Kriel o gatelela gore AfriForum e setse e dirisana mmogo le mekgatlho mmogo le baagi ba yone bao ba nang le boikaelelo jo bo tshwanang jwa go agela batho ba naga ya rona bokamoso jo bo botoka. “Motho a ka tlhopha go dirisana mmogo fa re dumalana le fa re na le dikgatlhegelo tse di tshwanang. Ga re a tshwanela go letla go sa dumalane ka dikgang dingwe gore re se ka ra kgoreletsa tirisanommogo e e tla solegelang bana ba rona molemo. Go na le dinako tse ka tsone go leng botlhokwa go tsosa dikhuduego ka go palelwa ga puso, mme go botlhokwa le go feta gore re dirise diatla tsa rona go aga bokamoso e re e batlang. AfriForum e ikemiseditse go re bolelela ka tshosologo le ka boikokobetso gore ke eng se se atlegileng le se se sa atlegang mo dingwageng tse 20 tse di fetileng fa re ne re aga mokgatlho ono go fitlha go nna le maloko a le 30000 Re lebile pele go dira le March le March mo maitekong a bone a go tlhoma mokgatlho o o batlang go solegela baagi molemo gore o tokafatse matshelo a batho ba maemo a a tlwaelegileng,” go bolela jalo Kriel.
Mo kopanong eo, go ne ga buiwa ka dikgwetlho tse di farologaneng tse di bakilweng ke go palelwa ga puso, go akaretsa le go phutlhama ga taolo ya melelwane le go tlhaela ga kgono ya go thibela bokebekwa, mo go dirang gore batho ba nne ba le mo kotsing ya go tlhaselwa ke bokebekwa. Go palelwa ga tsamaiso ya thuto mo setšhabeng e ne e le kgang e nngwe e e botlhokwa e go neng ga buisanwa ka yone.
Gape go ne ga buisanwa ka ditharabololo tse di ka nnang tsa dirwa le go tsenngwa ga tsone tirisong, mmogo le ditšhono tsa go dirisana mmogo. Tseno di ne di akaretsa ditsela tsa go rulaganya baagi le go umaka dikgato tse di kafa molaong tsa go tokafatsa pabalesego ya setšhaba. Gape, mo dikarolong tse baagi ba ka kgonang go nna le seabe ka tsela e e mosola mo go tsone, go ne ga tlotlwa ka tlhabololo ya temothuo, go sireletsa setso sa rona le ngwao-boswa, thuto, katiso le go ruta batho dikgono-tiro.
Go ya ka Barend Uys, Tlhogo ya Dikamano le Tirisano Gare ga Ditso Tse di Farologaneng, AfriForum e aga dikamano tse di siameng e bile e dirisana mmogo le mekgatlho le merafe ya setso ka go amogelana le bone le go tlotla. “Re dira tiro eno ka gonne re dumela gore go botlhokwa go netefatsa gore merafe yotlhe mo nageng ya rona e kgona go tshedisana ka kagiso. Tiro ya rona ke go thusa batho ba maemo a a tlwaelegileng, mme ka jalo re itse sentle dikgwetlho tse ba lebaneng le tsone, mmogo le baeteledipele ba setso le baagi ba bone. Setlhopha sengwe le sengwe sa morafe, mokgatlho le moeteledipele yo o tlhophang go tsaya maikarabelo ka bokamoso le go thusa go agela bana ba rona bokamoso jo bo botoka jo bo theilweng go mekgwa ya setso e e jaaka malapa a a itekanetseng, go sikara maikarabelo, kutlwelobotlhoko le tlotlo le go nna le mokgele o o tshwanang, ke modirisani-mmogo wa rona yo o botlhokwa. Ke ka moo AfriForum e setseng e tsene ditumalano tsa tirisanommogo mme e dira le, gareng ga mekgatlho e mengwe, AmaBhele KaJamangile, Barolong Boo Seleka, Batlharo Boo Tokwana Ba Ga Masibi, Batlokoa Ba Mota, Batlharo Ba Ga Motlhware, Mokgatlho wa Vulamehlo Kusile le Magosi a Aforika Borwa (Royal Leaders of South Africa [ROLESA]) “, go tlhalosa jalo Uys.
“Bontsi jwa dikgwetlho tse baagi ba lebaneng le tsone go ralala kgaolo ya SADC di bakwa ke dipholisi tse di seng mosola tsa puso le dikgopolo tse di sa tlholeng di dira. Puso e e eteletsweng pele ke ANC ga e dire sepe go rotloetsa dinaga tsa kgaolo eno go amogela dipholisi tse di tla tokafatsang maemo mo dinageng tsa bone le go thibela go thologela ga batho ba ba seng kafa molaong mo Afrika Borwa. Tota e bile, ka ditsela dingwe ANC e dirisa dipholisi tse di senyang, tse di bakang mathata a re lebaneng le one mo nageng ya rona. Go phepafetse gore ANC le puso eo e e eteletseng pele ga di beye ditshwanelo tsa baagi kwa pele, mme go na le moo di baya ditshwanelo tsa tsone kwa pele ga tsa badirisani-mmogo le bone ba bogologolo tsa sepolotiki le dikgopolo tsa bone. Bao ba batlang go bona isagwe e ntle ya dinaga tse di ka fa borwa jwa Aforika ba tla tshwanela go dira gore dipuso tsa bone di ikarabelele ditlolomolao tsa tsone mme le bone b a tseye maikarabelo a go aga bokamoso jo bo siameng ka bobone”, Kriel o konela jalo.
AfriForum le March and March di tlhomamisa gore ditshwanelo tsa maloko a setšhaba le tsa baagi di tshwanetse gore ka metlha di latelelwe ka kagiso le ka molaong, le gore seo ga se klitla se dirwa ka tirisodikgoka le go tshosetsa.
Setswana



