AfriForum e lebogisa Mokgatlho wa Bosetšhaba wa AmaBhele ka Ntlha ya Tlhatlhelelo ya Ntlha ya Segopotso sa ga Ndlela KaSompisi

Soundbite: Barend Uys (English)

Gompieno, AfriForum e lebogisitse Mokgatlho wa Bosetšhaba wa AmaBhele (AmaBhele National Association [Amanasso]) ka ntlha ya katlego ya go tshwara Tlhatlhelelo ya ngwaga le ngwaga ya ntlha ya ga Ndlela KaSompisi. Mokgatlho wa baagi wa ditshwanelo tsa batho o ne o le teng mo tlhatlhelelong eno mme le one o ile wa tlhalosa tsholofelo  e o nang le yone ya gore mo isagweng, tiragalo eno e tla nna le seabe se se botlhokwa sa puisano ya maloko a setšhaba mo nageng ya rona. Tlhatlhelelo eno e ne ya tshwarelwa kwa Durban ka la 1 Seetegosigo.

“Go a itumedisa gore batho ba AmaBhele ba tsaya maikarabelo a go sireletsa le go rotloetsa boitshupo le ngwao-boswa ya setso sa bone ka go gopola batho ba hisetori ba ba nnileng le seabe se se botlhokwa mo hisetoring ya batho ba bone le ya naga ya rona. Go botlhokwa gore maloko a morafe wa setso ba ikutlwe ba le motlotlo ka motswedi wa setso sa bone gore ditšhaba di itse gore di ka kgona go bopa bokamoso jwa tsone “, go bolela jalo Barend Uys, Tlhogo ya Dikamano tsa Ditso Tse di Farologaneng le Tisanommogo kwa AfriForum.

Ba-AmaBhele go tswa mo nageng yotlhe ba ne ba nna le tirisanommogo ya go tlhoma Amanasso ka 1970 ka maikaelelo a go boloka ngwao-boswa ya Ba-AmaBhele, go rarabolola dikgwetlho tsa loago le ikonomi, le go dira gore Ba-AmaBhele go ralala kgaolo ya Dinaga Tse di ka fa Borwa jwa Aforika (Southern African Development Community [SADC]) ba nne seoposengwe ka boikaelelo jwa go dira kgatelopele.

Ba-AmaBhele ba ne ba setse ba agile mo kgaolong ya ga jaana ya Ladysmith kwa KwaZulu-Natal ka ngwagakgolo wa bo18, mme ka ntlha ya dikgotlhang le go diphudugo tsa batho kwa bofelong jwa ngwagakgolo wa bo18 le kwa tshimologong ya ngwagakgolo wa bo19, ba ne ba anama mme ba aga le kwa Kapa Botlhaba le Lesotho.

Ndlela KaSompisi, yo motseletsele wa tlhatlhelelo e ntšha ya ngwaga le ngwaga e bidiwang ka ene, o tsewa e le moeteledipele yo o botlhokwa mo hisitoring ya batho ba Ba-AmaBhele. Ndlela e ne e le morwa wa ga Sompisi KaGuqa yo, mme ene le setlhopha sa Ba-AmaBhele, ba ne ba ya go nna kwa Kgaolong ya Bogosi jwa MaZulu. Mo lefelong leno, Ndlela, yo o neng a itsege jaaka motlhabani yo o pelokgale, o ne a newa maemo mo Bogosing jwa MaZulu ka dingwaga tsa bo1820. Moragonyana kgosi Dingane wa MaZulu o ne a mo tlhoma go nna tonakgolo le mogenerale mme a nna mongwe wa balaodi ba bagolo ba matsholo a sesole sa MaZulu ka nako ya Ntwa ya Blood River. Gape o ne a boloka botshelo jwa kgosi nngwe ya moragonyana ya MaZulu e leng Mpande ka go mo tlhagisa ka leano la go mmolaya le le neng le dirilwe ke Dingane e leng morwarraagwe Mpande ka motsadi a le mongwe, la go netefatsa gore masole a ga Dingane a fenngwa ke a ga Mpande kwa Ntweng ya Maqongqo. Ka go dira jalo, Ndlela ga a ka a nna le seabe se botlhokwa fela mo go thibeleng go wa ga ntlo ya segosi ya MaZulu, mme gape o nnile le seabe se se botlhokwa sa go dira gore go nne le dikamano tse di siameng magareng ga maAforikanere le jwa MaZulu ka nako ya puso ya ga Kgosi Mpande mo dingwageng tsa bo1840.

Uys o tsaya tšhono ya go nna teng le go bua mafoko a sekae ka nako ya Tlhatlhelelo ya Ntlha ya Segopotso sa ga Ndlela KaSompisi e le tshiamelo e kgolo.  “Kokomana ya rona e boetse gape e mo maemong a a kgethegileng a go tlhoma dikamano tse di siameng le tirisanommogo magareng ga ditlhopha tse di farologaneng tsa setso mo borwa jwa Aforika tse di ikaegileng ka go amogelana le go tlotlana. Go momaganngwa ga merafe ya setso e e tlhomilweng ka tsela eno go nna le seabe se se botlhokwa sa go dira gore merafe eno yotlhe e gatelepele le go tshedisana ka kagiso mono mo Aforika Borwa,” Uys o konela jalo.

Similar Posts