AfriForum e kgatlhanong le molaotlhomo wa ga Manyi wa go fedisa go nna mong wa lefatshe la poraefete; e ikuela mo baaging ba setso go newa dithaetlele tsa go nna beng ba mafatshe a bone
Molaotlhomo o o tshitshintsweng ke MP wa Lekoko la MK e leng Mzwanele Manyi o tlhasela kgang ya go nna beng ba lefatshe la poraefete le go tlhasela merafe yotlhe ya setso le e mengwe e e dirang ka natla gore e kgone go itlamela, go supa boitshupo jwa bone le go ikemela ka nosi tumalanong le molao wa boditšhabatšhaba. Seno ke maikutlo a mokgatlho wa ditshwanelo tsa botho wa AfriForum, o ka Laboraro o neng wa romela ngongorego ya one e e kwadilweng kgatlhanong le Molaotlhomo o o Mametleletsweng wa bo 22 wa ga Manyi – o boikaelelo jwa one e leng go fedisa kgang ya gore batho ba kgone go nna beng ba mafatshe a poraefete mo nageng ya rona le go dira gore puso e nne yone mong wa mafatshe otlhe le wa metswedi ya tlhago ka go tlhabolola Karolo 25 ya Molaotheo.
Go ya ka Barend Uys, Tlhogo ya Dikamano le Tirisano Gare ga Ditso Tse di Farologaneng kwa AfriForum, diphetogo tse di tshitshintsweng di tla thulana le Molao wa Boditšhabatšhaba wa Ditshwanelo tsa Selegae le tsa Sepolotiki, le Diathikele tsa bo 3, 14, 19, 20, 21 le 28 tsa Tšhata ya Aforika ya Ditshwanelo Tsa Botho le tsa Setšhaba. “AfriForum e ikuela go merafe yotlhe ya setso le baeteledipele ba yone gore ba dirise ka bonako Karolo 20 ya Tlhabololo ya Molao wa Tiriso ya Mafatshe wa bo 112 wa ka 1991 gore ba nne le dithaetlele tsa lefatshe le ba le laolang,” go bolela jalo Uys.
AfriForum e kgatlhanong fela thata le molaotlhomo ono o o kwadilweng, mme mo ngongoregong ya yone e e kwadilweng, e ne ya tshitshinya gore Karolo 25 ya Molaotheo e se ka ya fetolwa, mme gareng ga tse dingwe, e ne ya ntsha mabaka a a latelang:
- E tla felela ka gore go fedisiwe kgono ya gore batho ba nne beng ba mafatshe a poraefete le go fedisiwa ga tshwanelo ya motheo ya botho e ga jaanong jaana re e tlhomamisediwang ke Molaotlhomo wa Ditshwanelo.
- E tla felela ka gore Ma-Aforikanere le ditlhotswana tse dingwe tsa merafe ya setso e nne baagi ba ba amogwang ditshwanelo, e leng se se sa tsamaisaneng le tekatekano fa gare ga baagi fa pele ga molao.
- E tla dira gore batho ba merafe ya setso le baeteledipele ba segosi ba ba dirang jaaka baeteledipele ba bone, e nne bahiri ba leruri mo lefatsheng le e leng la bone le go ba thibele go nna beng ba mafatshe a bone gore ba a dirise ka botlalo le go a laola kwantle ga kgoreletsego epe. E tla thibela go busediwa ka botlalo ga seriti sa bone, boitshupo jwa bone jwa setso le tlotlego ya merafe ya setso le baeteledipele ba bone, ka gonne ba tla tlhalosiwa ka bosakhutleng jaaka batho ba ba tsewang e le “ba ba sa tshwanelweng” ke go nna le lefatshe la bone le go le laola ka botlalo.
- Gape e tla tswelela pele go koafatsa taolo le tlhotlheletso ya baeteledipele ba segosi, ya ditheo tsa setso tsa boeteledipele le ditheo tse dingwe tse di mo baaging, gape seno se tla fokotsa go ikemela ga bone ka nosi le ditshwanelo tsa bone tsa setso ka kakaretso. Phetogo eno e tla dira gore badiredi ba puso ba tswelele pele go laola tlhabololo, taolo le botsamaisi jwa lefatshe le dikago tsa baagi ba setso le mafelo a ba nnang mo go one.
- E tla dira gore merafe yotlhe ya setso le baagi ba bangwe, malapa le batho ka bongwe bao go tla go fitlha gompieno jaana ba neilweng mafatshe ke lefapha la go busetsa mafatshe go beng ba one, gore ba tseelwe mafatshe a bone le go busetsa morago dipoelo tsotlhe tse ba di boneng ka lone.
- E tla baka masetlapelo a ikonomi le go sotlega thata ga bontsi jwa baagi ba naga ya rona, ka gonne babeeletsa madi le bone ga ba kitla ba tlhola ba ikanya thulaganyo eno.
“Mokwalo ono wa molaotlhomo o itebagantse le ma-Aforikanere a e leng one fela morafe wa setso o o tlhomologileng, ka gonne Ma-Aforikanere ke one fela morafe o o tsayang 6 Moranang 1652 jaaka letlha le le botlhokwa la tlholego ya bone jaaka morafe wa setso mo kgaolong ya Dinaga Tse di ka fa Borwa jwa Aforika. E tlhokomologa setšhaba sa rona sa ditso tse di farologaneng le hisitori e e raraaneng ya naga ya rona le kgaolo e e amanang le go fudusiwa ga merafe ya setso, malapa a batho ka bongwe, go tlhamiwa le go fedisiwa ga merafe mengwe ya setso le diphetogo tse di amanang le go dirisiwa ga lefatshe, go nna mo go lone, go le rua le go nna beng ba lone mmogo le diphelelo tse tikologo ya tlhago le tlelaemete di nnang le tsone mo go lone,” Uys o konel ajalo.