AfriForum e kgala dipuo tse di kgopisang le tse di feteleditsweng
AfriForum e dirile boikuelo jo bo potlakileng go baagi, mme segolo thata ba ba mo maemong a boeteledipele, go se bue dipuo tse di kgopisang kgotsa tse di feteleditsweng kgotsa go anamisa dibidio tse di nang le dipuo tse di ntseng jalo tse di ka bakang kgotlhang magareng ga baagi le ditlhopha tse di farologaneng tsa maloko a morafe wa setso. Go ya ka AfriForum, go botlhokwa go dira dilo ka go amogelana le go tlotla maloko otlhe a merafe e e farologaneng ya setso le baagi. Boikuelo jwa AfriForum bo tlile morago ga gore bidio e e neng e dirisa puo e e kgopisang fela thata le e e tshosetsang e anamisiwe thata mo metsweding ya dikgang mo bekeng e e fetileng, mme badiredi ba le mmalwa ba puso le baeteledipele ba sepolotiki le bone ba ne ba bua dipuo tse di kgopisang le tse di feteleditsweng tse di oketsang dikgotlhang magareng ga maloko a a merafe e e farologaneng ya setso.
“AfriForum e kgala puo e e kgopisang le e e tshosetsang e e neng e lebesitswe go maloko a mangwe a merafe e e farologaneng ya setso e e neng e dirisiwa mo bidiong. Go bitsa AfriForum, e leng mokgatlho o o lwelang ditshwanelo tsa batho le tsa baagi, go twe “o ila naga ya bone one” le gore “o tletse tlhaolele”, jaaka fa Motlatsa-Mokwaledi Kakaretso wa Ntlha wa ANC, e leng Nomvula Mokonyane a dirile, le gone ga go amogelesege,” go bolela jalo Barend Uys, Tlhogo ya Dikamano le Tirisano Gare ga Ditso Tse di Farologaneng kwa AfriForum.
AfriForum gape e lebile ka tsela e e masisi puo e e builweng ke Mahlengi Bhengu-Motsiri, Mmueledi wa Bosetšhaba wa ANC, ya gore AfriForum “ga e a tshwanela go tlogelwa fela e sa dirwe sepe”. “Puo ya gagwe ya gore ANC e tshwanetse go tlhoma mogopolo mo go momaganyeng Maaforikaborwa otlhe ga e tsamaelane le ditiro tsa lekoko leno tse di kgaoganyang le dipolelo tsa lone kgatlhanong le AfriForum. Go farologana le se a se buang, dipholisi tsa ANC tsa selegae le tsa dinaga di sele ke tsone di bakileng mo Aforika Borwa”, go tlhalosa jalo Uys.
Mokgatlho o o lwelang ditshwanelo tsa batho gape o gatelela gore puo e e builweng ke Vincent Magwenya, Mmueledi wa Boporesidente, ya gore AfriForum e “jala dikgaogano tsa semorafe le go jala poifo” ga e boammaaruri gotlhelele. “AfriForum e dira ka tlhagafalo le ditlhopha tse di farologaneng tsa merafe ya setso le kwa ditoropong tse e seng tsa setso go tokafatsa maemo a botshelo a baagi ba maemong a a kwa tlase. Tota-tota, dipuo tse di builweng ke badiredi ba puso ba ba jaaka Magwenya le boradipolotiki ba ba jaaka Bhengu-Motsiri ke tsone tse di bakang dikgaogano tsa semorafe le go tsenya kagiso ya go nna mmogo ka kutlwano mo Afrika Borwa mo kotsing. Tota e bile, ANC e latofatsa AfriForum ka se bone ka bobone ba leng molato wa sone, Uys o konela jalo.