| |

AfriForum e batla gore go dirwe patlisiso e e potlakileng morago kgosomano ya kantoro ya Kgotla ya Setso ya Bokonebophirima

Gompieno jaana, AfriForum e dirile boikuelo jo bo potlakileng kwa go Dean Macpherson, Tona ya Ditiro tsa Setšhaba le Mafaratlhatlha, gore e batlisise ka go gosomana ga karolo ya dikago tsa kantoro ya Kgotla ya Setso ya Batlharo Boo Tokwana Ba Ga Masibi ya baagi ba setso ba kwa Disaneng, mo tikologong ya Mahikeng, kwa Bokonebophirima. Kantoro e ne ya gosomana go sekae ka Laboraro, ka di 29 tsa Ferikgong, ka 18:30 – diura di le mmalwa fela morago ga gore batho ba bofelo ba tswe mo kagong.

Kago ya dikantoro e simolotswe ka 2016 mme ya neelwa Kgotla ya Setso ka 2018. Fa e sale kgotla e fudugela mo go yone ka 2018, ba ile ba lemoga le go bega ka mathata a le mmalwa a a amanang le kago eno. Mathata ao a ne a akaretsa maphanyego mo maboteng, diphatlha tse di fa gare ga siling le mabota, go dutla ga metsi le go lepelela ga ga marulelo. Setlamo se se ikemetseng ka nosi sa tlhatlhobo ya dikago se se kopilweng ke Kgotla ya Setso se ne sa bontsha gore mangwe a mathata ano a ka dira gore kago eno e nne kotsi mo bathong. Le fa go ntse jalo, Lefapha la Porofense ya Bokone-Bophirima la Ditiro tsa Setšhaba le Ditsela le Dipalangwa ga le a ka la tsaya kgato epe. AfriForum e gatelela gore go gosomana ga kago eno, go ka lesego go neng ga se ka ga baka dintsho tsa batho, go ka bo go ile ga thibelwa.

Mo lekwalong la yone le le yang kwa go Macpherson, AfriForum e kopa Tona ka bonako go dira dipatlisiso go tlhotlhomisa gore ke eng se se bakileng go gosomana ga kago le go tlhomamisa gore ke ka ntlha yang fa mathata a a neng a begwa a ne a itlhokomolosiwa ka dingwaga di le dintsi. AfriForum e tlhagisa gape gore dikago tse dingwe tsa puso di ka nna tsa baka dikotsi tse di tshwanang le tseo le gore balaodi ba tshwanetse go tlhaola dikago tse di ntseng jalo le go tsaya dikgato go thibela ditiragalo tse di tshwanang le tseo.

“Go botlhokwa gore Tona e tseye kgato ka bonako. Matshelo a batho a mo kotsing. E ne e le ka lesego go bo kago e ne ya wa ka nako e go neng go sena ope mo go yone”, go rialo Barend Uys, Mookamedi wa Dikamano le Tirisano Gare ga Ditso Tse di Farologaneng kwa AfriForum. “Le fa go ntse jalo, ditiragalo tseno di ka bo di ile tsa felela ka masetlapelo. Dikago tse dingwe tsa puso tse di mo mafelong a baagi ba setso le tsone di ka nna tsa phutlhama mo bogautshwaneng ka ntlha ya go bo balaodi ba itlhokomolositse mathata ano.

Uys o bolela gore dikgwetlho tse di tshwanang le tseno di gatelela botlhokwa jwa dikamano tse di siameng le tirisano gare ga ditso tse di farologaneng. “Ditlhopha tsa baagi ba setso di a tlhokana mme ke ka lebaka leo AfriForum ka tlhagafalo e bopang kgokagano ya ditlhopha tsa baagi ba setso tse di ka thusanang go netefatsa gore bana botlhe ba baagi ba rona ba setso ba tlile go nna le isagwe e e itumedisang  mono mo Aforika Borwa,” Uys o konela jalo.

AfriForum le Batlharo Boo Tokwana Ba Ga Masibi ba dirile kgolagano ka 2023 mme fa e sale ka nako eo ba simolotse diporojeke di le mmalwa tse ba di kopanetseng tse boikaelelo jwa tsone e leng go somarela setso le go dira gore baagi ba kgone go itlamela.

Similar Posts