AfriForum e akgola moithuti wa UP ka ntlha ya phitlhelelo ya gagwe e e gakgamatsang ya go ithuta ka puogae ya gaabo ya Setswana
Gompieno, mokgatlho o o lwelang ditshwanelo tsa botho wa AfriForum o lebogisitse Ngk Bodibadi Modungwa ka ntlha ya go wetsa PhD ya gagwe ka Setswana – e leng patlisi ya ntlha ka puo eno kwa Yunibesiting ya Pretoria (UP). AfriForum e gatelela gore go dira dithuto tsa maemo a a kwa godimo ka dipuogae tsa lefelo la rona go botlhokwa thata gore go nne le kgololesego ya mmatota ya dipuo tse di farologaneng tsa naga ya rona le ya merafe ya setso le gore dipuo tseno di gatelepele le gore go rotloediwe tsweledisetsopele ya tsone gore di dirisiwe fa go tlhalosiwa dilo tse di thata.
Modungwa o bone PhD ya gagwe go sa le gale mo kgweding eno, ya patlisiso ka go rutwa ga barutwana ba mophato 11 le 12 ka puogae ya bone. O fitlheletse phitlhelelo eno morago ga dingwaga tse di fetang masome a mararo a dira ka natla mo thutong le go rotloetsa ga gagwe tiriso ya puogae. Go ya ka athikele e e mo webosaeteng ya UP, Modungwa o leba phitlhelelo eno ya gagwe e le netefatso ya bomosola jwa puogae ya gaabo ya Setswana le setso sa teng, le gore seno gape “se bula ditšhono tsa go dira patlisiso go ya pele, go sireletsa dipuo tsa Seaforika le gore di amogelesege go ka dirisiwa mo thutong-godimo”.
Go ya ka Barend Uys, Tlhogo ya Dikamano le Tirisano Gare ga Ditso Tse di Farologaneng kwa AfriForum, go rutwa ka puogae go tlisetsa motho melemo e e farologaneng. “Batho bao ba simololang pele ka go nna le kgono ya go dirisa puo le go tlhaloganya dikgopolo tse di emelang sengwe – jaaka difomula tsa dipalo – ka puo ya gaabo ba tla nna le kgono ya go dira jalo motlhofo thata ka puo ya bobedi kgotsa ya boraro e ba e ithutileng. Mo godimo ga moo, go ntshitswe bosupi jwa gore batho ba ba rutwang ka puogae ya bone kwa sekolong ba dira sentle mo dithutong tsa bone tsa sekolo fa nako e ntse e tsamaya, ga se gantsi ba tlogelang sekolo pele ba fetsa dithuto tsa bone tsa materiki, e bile go ka direga fela thata gore ba nne le dithutego tse di dingwe go ya pele”, o tlhalosa jalo.
Ka tsela e Modungwa a dirileng ka yone, o ntshitse bosupi jwa gore Setswana le sone se tshwanetse go dirisiwa jaaka puo e e kgonang go tlhalosa dilo tse di thata le gore ke puo e e tshwanetseng go tsweledisetswa pele gore e solegele babui ba yone molemo.
“Go dira gore puo e se ka ya nyelela, e tshwanetse go dirisiwa ka bopelokgale – mme Modungwa o nnile le phitlhelelo e e gakgamatsang ka puo eno kwa UP ka go dirisa ga gagwe Setswana ka bopelokgale e bile a se ditlhong go dira jalo mo dithutong tsa gagwe tsa PhD. Re solofela gore tiro ya gagwe e tla rotloetsa baakatemi ba bangwe ba ba motlotlo ka Setswana go thusa go tlhabolola puo eno go ya pele gore e nne puo e e maatla e e kgonang go dirisiwa le mo dilong tsa bonetetshi, e e kgonang go ikemela gare ga dipuo tse dingwe tse di nonofileng le go dirisiwa thata go tlhalosa dilo tse di thata,” Uys o konela jalo.
Cover image source: Facebook, University of Pretoria