AfriForum le Bakgatla Ba Kgafela ba dira tumalano ya botlhokwa

Soundbite: Kgosikgolo Kgafela Kgafela II (Setswana)
Soundbite: Kgosikgolo Kgafela Kgafela II (English)
Soundbite: Kallie Kriel (English)
Soundbite: Barend Uys (English)

AfriForum le Kgosikgolo Kgafela Kgafela II wa morafe wa setso wa Bakgatla Ba Kgafela ba saenile tumalano ya botlhokwa ya kamogelano le tirisanommogo kwa Motse-Kapa gompieno. Gape ba dirile kitsiso ya gore ba tlile go nna le tirisanommogo malebana le go ipusa, go kgona go itlamela ga morafe, tlhabololo ya temothuo, go sireletsa le go nonotsha boitshupo jwa setso.

“Go saeniwa ga tumalano eno ya kamogelano le tirisanommogo magareng ga merafe ya rona ya setso go botlhokwa thata, segolobogolo fa re akanya ka hisitori ya rona ya dikgotlhang le go rena ga mowa o o seng monate fa gare ga rona fa re le mmogo. Motlha ono o o se kitlang o lebalwa, ke o batho ba ba sa bolong go ila Bakgatla Ba Kgafela le Maaforikanere ba neng ba solofela gore ga o kitla o nna gone. Ruri ono ke motlha o o se kitlang o lebalwa o o dirang gore go tloga fano go ya pele, batho ba ba re ilang ba se ka ba nna karolo ya matshelo a rona. Batho ba ba re ilang ba emetse kwa thoko fa lefatshe lone le bogetse tshimologo ya botshelo jo bosha jo bo tletseng lorato jaaka e direga fa pele ga matlho a bone,” go bolela jalo Kgosikgolo Kgafela Kgafela II, Kgosikgolo ya Bakgatla Ba Kgafela kwa Botswana le mo Aforika Borwa.

“Aforika Borwa jaaka tsamaiso ya puso e mongwe le mongwe a utlwang ka yone e palelwa ka ditsela tse dintsi go thusa merafe ya setso – AfriForum e dumela gore tharabololo e le yosi fela ke ya fa merafe ya setso e ka kgona go ipusa. Ke gone ka moo re agang kgolagano ya merafe ya setso, e e ikaegileng ka kamogelano le go tlotlana, e e dirisanang mmogo go tlhomamisa gore bana ba merafe ya rona ya setso ba nne le isagwe e e itumedisang. Ke tshiamelo mo go rona go dira tumalano eno e e se kitlang e lebalwa le Kgosikgolo Kgafela le morafe wa setso wa Bakgatla Ba Kgafela, e bile re lebile pele go dirisana mmogo mo mererong e e kgethegileng le e re e kgatlhegelang mmogo ya merafe ya rona ya setso,” go bolela Kallie Kriel, Modula-Khuduthamagamogolo wa AfriForum.

Maikaelelo a tumalano eno ke go tlhoma le go tlhokomela kamano e e tla nnelang ruri ka maikaelelo a go netefatsa gore go na le kagiso ya bosakhutleng le botsalano fa gare ga Bakgatla Ba Kgafela le Maaforikanere le go tlisa kgatelopele mo gare ga bone ka mekgwa e e latelang:

  • thotloetso ya gore morafe o kgone go itlamela le go ipusa;
  • go sireletsa le go babalela boitshupo jwa morafe wa setso le ngwao-boswa ya one;
  • tshireletso ya ditshwanelo tsa dithoto;
  • thotloetso ya tshireletsego ya morafe;
  • thotloetso ya go rutwa ga bana ka puogae;
  • tirisanommogo ya gore go se nne le tlhaelo ya dijo mme go nne le tlhabololo ya temothuo;
  • thotloetso ya tetlanyo fa gare ga merafe e e farologaneng ya setso le go tshwara ditherisano;

Melawana e e latelang e dira jaaka mabaka a tumalano eno:

  • go amogelana le go tlotlana;
  • go tshedisana ka kagiso;
  • go amogela boitshupo jwa mongwe le mongwe, go nnela ruri ga gagwe mono le go tswelela pele jaaka merafe ya setso e e kgonang go ipusa mo Dinageng Tse di ka fa Borwa jwa Aforika;
  • Tshwanelo e merafe ya setso e nang le yone ya go laola merero ya yone le go itlhomela ditheo tsa yone le go di laola kwantle ga gore puso kgotsa ditheo tse dingwe di itshunye nko mo mererong eo;
  • go tlotla ditheo tse di farologaneng tsa taolo, dingwao le ditlwaelo, go akaretsa le tse di amanang le tiriso ya lefatshe le go nna beng ba mafatshe; le
  • kgololesego ya bodumedi le ditlwaelo tsa bodumedi le tsa setso.

Go ya ka Barend Uys, e leng Tlhogo ya Dikamano le Tirisano Gare ga Ditso Tse di Farologaneng kwa  AfriForum, ke tshiamelo go nna motsenela-tumalano wa tumalano ya kamogelano le tirisanommogo ya botlhokwa jo bogolo thata jwa setso e bile e le e e ka se kang ya lebalwa. “AfriForum e motlotlo go bo Bakgatla Ba Kgafela e le baemanokeng le badirisani-mmogo nayo mo letsholong le le thata leno mme e le leo le tlotlegang la go nna ba ntlha go tlhama boemo jo mo go jone dikokomana tsa ka moso di tla kgonang go tshela botshelo ka botlalo mo maemong a a siameng, le go tshedisana mmogo ka kagiso mo mafelong a a fa ntlheng ya lonaka kwa Aforika yo o rategang,” go bolela jalo Uys.

Re tlotla go intsha setlhabelo le go itshoka ga bagologolwane ba rona. Re ba tlotla ka ntlha ya ditiro tsa bone tse di ileng tsa netefatsa gore re bo sa ntse re le teng gompieno re le merafe ya setso. Rona, kokomana ya ga jaanong le ditlogolwana tsa bone tse di motlotlo, re rotloediwa ke go bo ba nnile le kgono ya go ikemela ka bosi le bopelokgale jwa bone mme re sikara boikarabelo jwa go bopa isagwe e re e batlelang ba ba tlileng go re sala morago.  Go saeniwa ga tumalano eno go nonotsha tsamaiso e ntšha, e e ikaegileng ka boipuso jwa morafe wa setso jo re batlang go bo bona mo dinageng tse di ka fa borwa jwa Aforika,” Kgosikgolo Kgafela o konela jalo.

AfriForum e kile ya dira ditumalano tse di batlang di tshwana le eno le Lelapa la Segosi la ba ga Jamangile KaMabandla kwa Tsolo kwa Kapa Botlhaba; Barolong Boo Seleka kwa Thaba’ Nchu kwa Foreisetata; Batlharo Boo Tokwana Ba Ga Masibi kwa Disaneng kwa Bokone Bophirima; mokgatlho wa MaNdebele wa Vulamehlo Kusile Organisation (VUKO); le Baeteledipele ba Segosi ba Aforika Borwa (Royal Leaders of South Africa [ROLESA]). Ditumalano tseno di ile tsa felela ka gore go nne le diporojeke tse di farologaneng tse di dirwang mo baaging, go akaretsa le diporojeke tse di tsepang mogopolo mo tlhabololong ya temothuo, ngwao-boswa, boitshupo jwa morafe wa setso le dipuo tsa setso.

Similar Posts