AfriForum e akgolela Kgosi Mogakolodi Masibi dingwaga di le 30 tsa go busa

AfriForum e akgolela Kgosi Mogakolodi Masibi – moeteledipele wa segosi wa Batlharo Boo Tokwana Ba Ga Masibi wa Disaneng, bokone bophirima jwa Mahikeng – dingwaga di le 30 e le Kgosi ya morafe ono wa setso. Segopotso sa tiragalo e e botlhokwa eno se ne sa ketekwa ka tsela e e itumedisang thata mo mafelobekeng a a fetileng ka nako ya moletlo wa ngwaga le ngwaga wa ngwaoboswa le wa setso, o o neng o tshwaretswe kwa Disaneng ka la 26 Lwetse. Kwa moletlong ono, AfriForum e ne ya lebogela Kgosi Masibi bopelokgale jwa gagwe, go direla morafe wa gagwe ka boineelo, le go kgotlhelela mo gare ga mathata a magolo.

Barend Uys, Head of Intercultural Relations and Cooperation at AfriForum, during the celebration with Kgosi Mogakolodi Masibi and various other royal and community leaders.

AfriForum le Batlharo Boo Tokwana Ba Ga Masibi ba saenile tumalano ya kamogelano le ya tirisanommogo ka 2023. Fa e sa le ka tumalano eno, go nnile le diporojeke tse dingwe tse farologaneng tse di kopanetsweng. Porojeke e e kopanetsweng ya go rua dikoko tse di beelang mae, e e neng ya simololwa ka Lwetse, ke porojeke ya bosheng mo go tse di ntseng di dirwa.

Barend Uys, Tlhogo ya Dikamano le Tirisano Gare ga Ditso Tse di Farologaneng kwa AfriForum, o ne a akgola Kgosi Masibi mo boemong jwa AfriForum ka nako ya moletlo wa mafelobeke. “Kgosi Masibi ke moeteledipele yo o pelokgale, yo o dirang ka boineelo go tokafatsa matshelo a morafe wa gagwe. AfriForum e lesego tota go bo e kgona go mo akgolela go kgotlhelela ga gagwe; ga a ineele, le e leng ka fa tlase ga maemo a a gwetlhang fela thata. Baagi ba rona mo nageng eno ya rona ba tlhoka baeteledipele ba ba ikanyegang le ba ba nang le dipelo tse di siameng – malebana le seno, Kgosi Masibi ke sekao se se ntseng jalo mo go rona rotlhe,” Uys o tlhalosa jalo.

Kgosi Selabe Mogakolodi Joseph Masibi o ne a tlhomiwa go nna Kgosi ya Batlharo Boo Tokwana Ba Ga Masibi ka la 1 Mopitlwe 1996 ke Kgosi Setumo Montshioa le ke Kgosi Besele II wa Barolong Boora Tshidi. Mo dingwageng tse 30 tse di fetileng, Kgosi Masibi o diretse jaaka moeteledipele wa Dikgosi tsa Molopo mo Kgaolong ya Ngaka Modiri Molema, le jaaka ba Ntlo ya Bosetšhaba ya Magosi a setso le a ba Khoi-San. Gape o nnile le maikarabelo a boeteledipele jwa Khonkerese ya Magosi mo Aforika Borwa (Congress of Traditional Leaders of South Africa (CONTRALESA)), go akaretsa le go direla jaaka leloko la komiti ya bosetšhaba ya bakhuduthamaga ya CONTRALESA. Mo godimo ga moo, o nnile le seabe mo go kwalweng  ga tshedimosetso ya Tshireletso, Thotloetso, Tlhabololo mmogo le Botsamaisi jwa Molaotlhomo wa Kitso ya Setso. Ga jaanong jaana Kgosi Masibi ke Poresidente wa Magosi a Aforika Borwa (Royal Leaders of South Africa (ROLESA)).

Uys o tlhalosa kamano e kgolo e e leng teng fa gare ga AfriForum le Batlharo Boo Tokwana Ba Ga Masibi jaaka e e botlhokwa thata. “Re lemoga gore lesego – e seng fela la go bo re le ditsala mme gape la go bo re le bakaulengwe le bokgaitsadi mo go Keresete – ke mpho e e kgethegileng e e tswang kwa Modimong e re sa e tlodiseng matlho. Dikamano tse di siameng le tirisanommogo magareng ga merafe ya setso e e farologaneng, tse di bakwang ke go amogelana le go tlotlana, ke ditlhoko tse di kwa setlhogong tse di dirang gore merafe yotlhe ya setso e kgone go tshedisana ka thagamo le ka kagiso mo lonakeng lono lo lo kwa borwa jwa kontinente ya Aforika mme ka jalo di tshwanetse go tlhokomelwa,” Uys o konela jalo.

Become a member

Make a donation

Similar Posts

Ons is Afrikaners