Dikamano le Tirisano Gare ga Ditso Tse di Farologaneng kwa AfriForum: Dintlhakgolo tsa 2025

Ngwaga wa 2025 e nnile ngwaga o o itumedisang wa Dikamano le Tirisano Gare ga Ditso Tse di Farologaneng kwa AfriForum, mme ka jalo re leba kwa morago go bona dintlhakgolo tsa ngwaga ono ka tebogo e kgolo.

AfriForum e rotloetsa tlhabololo ya metseselegae

Porojeke ya merogo kwa metseselegaeng ya Noga’s Post ka fa ntle ga Thaba’Nchu kwa Foreisetata, e e neng ya dirwa ke maloko a setšhaba, Kgosi (kgosigadi) Gaboilelwe Moroka, AfriForum le Saai, ka Tlhakole e dirile thobo ya dikilogerama di le 800 tsa dieie. Thobo eno e ne ya rekisediwa metse e e fa gaufi le dikolo, fa dingwe tsa dieie tseno di ne tsa abelwa batho ba ba tshelang ka bogole le bagodi mo tikologong. Madi a a kgobokantsweng ka go rekisa dikumo tseno a dirisediwa go reka peo ya ngwana o o latelang wa temo, gape thobo eno e tsenyeditse ba ba nnileng le seabe mo go yone lotseno. Maloko a morafe le one a ne a le motlotlo go bo a kgonne go abela Kgosi Gaboilelwe leMohumagadi (mme kgosigadi) Gaongalelwe Moroka dingwe tsa dieie.

Ka Moranang, AfriForum e ne ya etela diporojeke tsa go rua dikoko tse di beelang mae le dipodi tse di kgonang go itshokela maemo otlhe a bosa mo polaseng ya Blijdskap gaufi le Thaba’Nchu kwa Foreisetata Botlhaba, mme go ne go itumedisa tota go bona ka moo diporojeke tseno ka bobedi di tswelelang sentle ka teng.

Ka Motsheganong, AfriForum le Saai, mmogo le Kgosi Gaboilelwe Moroka, ba ne ba tshwara dikopano tse di botlhokwa ka tlhabololo ya temothuo le tlhabololo ya go di tshegetsa diporojeke ka madi ka nako ya letsatsi la ngwaga le ngwaga la Thobo ya Nampo kwa Bothaville.

AfriForum le Saai ba ipopile go nna seoposengwe le Kgosatsana (Kgosigadi) Gaongalelwe Moiloa, mothei-mmogo wa Mokgatlho wa Bahurutshe Ba Ga Moiloa, mo kgatelopeleng ya gagwe go tswa go molemirui yo o sa ntseng a fatlhoga go fitlha a nna molemirui wa kgwebo. Ka Diphalane, go ne ga tsenngwa sedirisiwa se se nosetsang ka go kgatsha metsi se se dirisang motlakase o o dirang ka mogote wa letsatsi go tokafatsa ntshokuno ya tiro ya gagwe ya temo gore e ungwe ka metlha le go nna le dipoelo. Kgosatsana Gaongalelwe o setse a nnile le thobo e e atlegileng ya dikgetsana di le 200 tsa ditapole ka 2024 e bile o lemile ditapole, ditamati, dipepere tse ditala, dierekisi le dieie tse di khibidu mo setlheng sa ga jaanong sa temo. Gape o dira temo e nngwe gape ya ditapole tse Lekgotla la Patlisiso ka tsa Temothuo le tlileng go dira ditekeletso ka tsone. O dira temothuo ya gagwe mo karolong ya polase ya Jagersfontein mo Kgaolong ya Mahikeng ka gonne a le mojaboswa wa Mokgatlho wa Batsweneng wa Tlhakanelo-Ditsha, o polase eno e leng ya one.

AfriForum, e leng Bakhuduthamaga ba Ntlo ya Bosetšhaba ya Baeteledipele ba Setso le ba Khoi-San (NHTKL), Saai, le kantoro ya ga Morena e Moholo (Moeteledipele yo Mogolo wa Setso) Montoeli Mota wa Batlokoa Ba Mota e ne ya dira kitsiso ka go tsenngwa ka katlego ga tsamaiso ya go tlamela ka metsim, e leng tsamaiso e e dirisang motlakase o o dirisang mogote wa letsatsi, e e tlamelang dikantoro tsa Kgotla ya Setso ya Batlokoa Ba Mota le tshingwana ya merogo ya lefelo la bone ka metsi mo kgweding ya Ngwanaatsele. Tshingwana ya merogo ga e kitla e tlamela ka merogo fela go batho ba lefelo leo bao ba tlamelwang ka dijo ka metlha, bao gone jaanong ba lebaneng le tlhaelo ya merogo, mme gape e tla bulela maloko a morafe tšhono ya go katisiwa, go rutwa dikgono-tiro le go nna le letseno la madi. Gape go ne ga tsenngwa tanka ya metsi, e e dirang gore maloko a morafe a nne le metsi. Seno se diregile ka nako ya fa NHTKL e ne e etelela pele go bopa boseoposengwe jwa botlhokwa mo hisitoring jo e leng karolo ya go neelwa ga Puo ya Ntlha ya ngwaga le ngwaga ya Segopotso sa Lenaka e e neng e tshwaretswe kwa Sekolong sa Sekontari sa Manthatisi kwa Sedibeng, kwa Phuthaditjhaba, mo Porofenseng ya Foreisetata kwa bokhutlong jwa 2024.

AfriForum le Saai ba ne ba nna seoposengwe le Nkosi Zweloxolo Stokwe le Letsholo la Adopt-A-Village la Tlamelo ya Metseselegae ka Dijo Tsa ka Metlha go tlhomelela morafe wa Mtingwevu gaufi le Cala kwa Kapa Botlhaba ka kitso ya go jala peo ya ditshingwana tsa bone tsa merogo. Maloko a ka nna 55 a morafe go tswa mo malapeng a le 50 a ne a tsenela katiso eno, e e neng e tshwerwe ke Stark Ayres ka Ngwanaatsele. Nkosi Zweloxolo Stokwe ke moeteledipele wa setso wa morafe wa setso sa AmaQwathi. Katiso eno latela morago ga gore Setlhopha sa Letsholo la Adopt-A-Village la Tlamelo ya Metseselegae ka Dijo Tsa ka Metlha se buisane le AfriForum ka ga kgonego ya go nna le tirisanommogo le yone. Maikaelelo-magolo a letsholo leno ke go tsosolosa tlhagiso-kumo ya malapa ya merogo, go fokotsa go ikaega ga one thuso ya madi a a tswang kwa pusong, go dira gore a kgone go itshedisa le go ja dijo tse di nang le dikotla, le go nna le mowa wa go ikgalemela, wa boineelo, le go nna le mekwa e e siameng ya go dira. Dipoelo tse letsholo leno le eletsang go nna le tsone di akaretsa go se tlhaele ga dijo le tlhabololo ya metseselegae, tlhabololo ya dikgono-tiro, go fokotsa lehuma, le botsogo jo bo siameng mo morafeng ka go tswa letsholo la go ja dijo tse di nang le dikotla le ka mekgwa ya tlhago ya temothuo.

Ka Sedimonthole, AfriForum e ne ya katisetsa maloko a morafe wa Batlokoa Ba morafe wa setso wa Ba Mota wa Tsheseng kwa Phuthaditjhaba kwa Foreisetata tlhagiso-kuno ya merogo, e e neng e tsepile mo go tsosoloseng mekgwa ya temo e e dirisediwang merafe e e sa itsholelang. Katiso eno e ne e akaretsa go tokafatsa le go baakanya boleng jwa mmu, go apesa mmu ka matlhare gore o tshole metsi botoka, go laola mogote le kgolo ya mefero, go lema, tlhokomelo ya ka kakaretso ya dijalo le go ba ruta dikgono tsa botshelo. Eno ke kgato e e latelang mo thulaganyong ya go tshegetsa maloko a morafe gore a kgone go itlamela le go itshedisa e e tlisiwang ke go nna seoposengwe go go bopilweng  ke Bakhuduthamaga ba Ntlo ya Bosetšhaba ya Baeteledipele ba Setso le ba Khoi-San (BNBBSK) le ke AfriForum, Saai le kantoro ya Morena e Moholo (Moeteledipele yo Mogolo wa Setso) Montoeli Mota wa Batlokoa Ba Mota jaaka balekane ba bangwe.

AfriForum e rotloetsa dikamano tse di siameng le tirisanommogo

Ka Mopitlwe, AfriForum le Barolong Boo Seleka ba ne ba keteka tumalano ya kgolagano le boseoposengwe jo ka letlha leo, bo neng go saenilwe dingwaga di le 160 tse di fetileng, fa gare ga kgosi ya nako eo ya Barolong Boo Seleka, Kgosi Moroka II, le Rephaboliki ya Orange Free State (OFS). Tiragalo e e botlhokwa eno mo hisitoring  e lejwa e le tshimologo ya tirisanommogo ya semmuso le go amogelana fa gare ga Ma-Aforikanere le Barolong Boo Seleka. Ka Tiragalo ya go keteka segopotso seno,  go ne ga sirololwa mabitla a a neng a sa tswa go tsosolosiwa a lelapa la segosi la Barolong Boo Seleka le sefikantswe sa go ketekwa ga go tlhophiwa ga puso ya ntlha ya ma Voortrekker ka 1836 kwa Thaba Nchu.

Ka Moranang, AfriForum e ne ya tsenela moletlo wa kalogo ya baithuit kwa Thaba Nchu — go akaretsa le wa baithuti ba ba tswang kwa Noga’s Post —  ba dithuto tsa bone di neng di tsamaisiwa ke Global University for Lifelong Learning, Central University of Technology, le University of the Free State.

AfriForum e ne ya abelana ka tshedimosetso e e botlhokwa ka dikamano tse di nonofileng le tirisanommogo ya botlhokwa ya ga jaanong jaana e e nonofileng le tirisanommogo fa gare ga Ma-Aforikanere le morafe wa Barolong boo Seleka fa e ne e botsolotswwa dipotso mo Mmabatho FM ka Motsheganong.

Ka Seetebosigo, AfriForum e ne ya akgola Mokgatlho wa Bosetšhaba wa AmaBhele (Amanasso) ka ntlha ya thulaganyo e e neng ya e tshwara ka katlego ya Go Neelwa ga Puo ya ntlha ya ngwaga le ngwaga ya Segopotso sa ga Ndlela KaSompisi. Mokgatlho o o lwelang ditshwanelo tsa batho o ne wa nna teng mo puong eo mme gape wa tlhalosa fa o solofela gore tiragalo eno e tla nna le seabe se se botlhokwa mo dipuong tse dingwe tse di tla neelwang setšhaba sotlhe mo isagweng. Puo eno e ne ya neelwa kwa Durban.

AfriForum le Kgosikgolo Kgafela Kgafela II wa morafe wa setso wa Bakgatla Ba Kgafela ba saenile tumalano ya botlhokwa mo hisitoring ya kamogelo le tirisanommogo kwa Cape Town ka Seetebosigo. Gape ba ne ba itsise gore ba tla dirisana mmogo mo go nonotsheng boipuso jwa setso, go itlamela ga morafe, tlhabololo ya temothuo le go dibela setso le go se nonotsha.

Ka Phukwi, AfriForum, mmogo le Setlhopha sa Letsholo la Adopt-A-Village la Tlamelo ya Metseselegae ka Dijo Tsa ka Metlha, ba ne ba etela Nkosi Zweloxolo Stokwe wa morafe wa setso sa AmaQwathi le morafe wa Mtingwevu go buisana ka kgonego ka go amogelana le tirisanommogo.

Ka Phatwe, AfriForum e ne ya tsenela kopano ya go tla go tlhatlhoba kgatelopele e e dirilweng (IMbizo) ke ba Ntlo ya Bosetšhaba ya Baeteledipele ba Setso le ba Khoi-San mme e ne ya neela puo e e tsepameng thata mo kgannyeng ya go tshedisana mmogo ka kagiso, go dirisa ditsha ka tsela e e mosola le maloko a morafe go tlhagisa bokgoni jwa bone mo go seno, go akanyetsa kgang ya go busediwa ga mafatshe go beng ba one, mekgatlho ya merafe ya tlhakanelo-dithoto, metsi ,  le tirisanommogo gore botlhe ba solegelwe molemo.

AfriForum e ne ya akgolela Motlotlegi-Mogolo Kgosi Misuzulu ka katlego ya Mokete wa Motantsho wa Lephathana la Ditlhaka wa ngwaga le ngwaga o o neng o tshwaretswe kwa Ntlong ya Segosi ya eMashobeni kwa borwa jwa Pongola kwa KwaZulu-Natal ka la di 13-14 Lwetse. E ne e le moletlo o o botlhokwa mo hisitoring mme o netefaditse go runya ga paka e ntšha ya Bogosi jwa MaZulu ka e ne e le lekgetlho la ntlha moletlo ono o tshwarelwa kwa Ntlong ya Segosi ya ga Motlotlegi-Mogolo kwa eMashobeni e bile go dirilwe tiro e ntsi mo nakong e khutshwane go dira gore moletlo ono o atlege. Gape, AfriForum e ne ya nna le tshiamelo ya go nna teng mo meletlong e le baeng ba ga Kgosi Misuzulu.

Kwa bokhutlong jwa Lwetse, ka taletso ya ga Kgosi Mogakolodi Masibi, AfriForum e ne ya nna teng kwa Moletlong wa Setso wa Ngwao Moswa wa Batlharo Boo Tokwana Ba Ga Masibi ba kwa Disaneng, gaufi le Mahikeng kwa Bokone Bophirima, mme ya fitlha ya neela puo ya kemonokeng.

Ka kgwedi ya Diphalane, AfriForum e ne ya nna teng kwa Moletlong wa Mahumani wa Setso le Ngwao-Boswa kwa Nkomo, gaufi le Giyani kwa Limpopo, ka taletso ya ga Hosi Nkomo V Mahumani wa morafe wa setso sa Mahumani.

Ka kgwedi ya Diphalane, AfriForum e ne ya nna teng kwa moletlong wa AmaBhele AseLenge Inkciyo kwa Mavuso, ka kwa ntle ga Alice kwa Kapa Botlhaba, mme ya neelana ka molaetsa wa kemonokeng Letsholo la Tirisanommogo la Merafe ya Setso.

Ka Diphalane, AfriForum le Moh. Lebo Mosime wa Setlamo sa Kgwebo sa Thabake ba ne ba tshwara kopano ya setlhopha sa baithuti ba sekolo sa boditšhabatšhaba mo Sekolong sa School for Ethics and Global Leadership (SEGL) mo polasing ya Boekenhoutfontein gaufi le Phokeng kwa Bokone Bophirima. Ba ne ba buisana le baithuti ka maemo a go nna beng ba ditsha le ka ditshwanelo tsa go nna le thoto mo Aforika Borwa, dikgwetlho tse balemirui ba ba sa ntseng ba fatlhoga ba lebaneng le tsone, le se se ka fitlhelelwang ka tirisanommogo magareng ga merafe ya setso.

AfriForum e tsere karolo mo kopanong ya baeteledipele go tswa mo merafeng e e farologaneng ya setso ya Aforika Borwa e e neng e tshwerwe ka Diphalane, e leng kopano e ka yone go neng ga tlhamiwa Kgokagano ya Merafe ya Setso (KGN). CCN ke letsholo la tirisanommogo ya ditso tse di farologaneng le le diretsweng go netefatsa gore bana ba rona ba merafe yotlhe ya setso mo nageng ya rona ba nna le isagwe e e nang le kagiso le thagamo. CCN ke tšhono ya gore merafe ya setso e tshware dipuisano tse di mosola, ka maikaelelo a a siameng le go buisana ka merero e e ba amang botlhe e ba tshwenyegileng ka yone. CCN e ne ya tlhomiwa ka go amogelwa ga Melawana-Tsamaiso ya kopano ya CCN ke baemedi ba le 38 go tswa mo merafeng ya setso e le 26 mo diporofenseng tsotlhe, ba ba neng ba le teng kwa kopanong eno ya semmuso kwa Pretoria. Dipuisano kwa kopanong eno ya ntlha e go neng go ilwe kwa go yone ka namana ya CCN di ne di le ka ga ditlhogo tse pedi: go diragadiwa ga ditshwanelo tsa setso ka botlalo le tlhabololo ya loago le ikonomi.

Ka Ngwanaatsele, AfriForum e ne ya nna teng kwa kopanong ya go Neelwa ga Puo ya Segopotso sa Lenaka e e neng e tshwerwe ke ba Ntlo ya Bosetšhaba ya Baeteledipele ba Setso le ba Khoi-San mme e ne ya neela molaetsa wa kemonokeng ka tiragalo eo.

Ka Ngwanaatsele, AfriForum e ne ya nne teng kwa kopanong ya babui ba Se-Aforikanse e e neng e rulagantswe ke Mokgatlho wa kwa Kapa.

Kemonokeng ya AfroForum ka nako ya fa e tlhokega

AfriForum e dirile boikuelo jo bo potlakileng kwa go Dean Macpherson, Tona ya Ditiro tsa Setšhaba le Mafaratlhatlha, gore a batlisise ka go gosomana ga karolo ya dikago tsa kantoro ya Kgotla ya Setso ya Batlharo Boo Tokwana Ba Ga Masibi ya baagi ba setso ba kwa Disaneng, mo tikologong ya Mahikeng, kwa Bokonebophirima ka Mopitlwe. Kantoro e ne ya gosomana go sekae ka Laboraro, ka di 29 tsa Ferikgong, ka 18:30 – diura di le mmalwa fela morago ga gore batho ba bofelo ba tswe mo kagong.

AfriForum o femela ditshwanelo tsa setso

Ka Tlhakole, AfriForum e ne ya romela ditshwaelo tse di kwadilweng ka ga Molaotlhomo wa Boeteledipele jwa Setso le jwa ba Khoi-San, mme ka Mopitlwe ya ikuela go Tona Velenkosini Hlabisa wa Tshwaraganelo-Puso le Tsamaiso ya Kgolagano le Merero ya Setso go diragatsa ditshwanelo tsa maloko a morafe wa setso le go tsenya ditlhabololo tsa botlhokwa mo teng ga molaotlhomo. AfriForum e ne ya tlhalosa gore, ka tsela e molao o leng ka yone gone jaanong, o thulana le Maitlamo a Ditšhaba-Kopano ka ga Ditshwanelo Tsa Batho ba Setso (United Nations Declaration on the Rights of Indigenous Peoples [UNDRIP]). AfriForum gape e gateletse gore molaotlhomo o tshwanetse go fetolwa gore o bontshe tlotlo go magosi le go akanyetsa seriti sa bone, malapa la ditlhopha tsa merafe, le go ba tlhomelela gore ba etelele merafe pele go ya isagweng e ba e batlelang merafe eo.

AfriForum e rometse lekwalo kwa go Tonakgolo ya KwaZulu-Natal, Thami Ntuli, ka Motsheganong, e mo rotloetsa go tsaya dikgato ka bonako go thibela dikgato tse di thulanang le molao, tse di sa letlelelweng ke molao le tse di sa siamang tse di dirwang kgatlhanong leizinduna (baeteledipele) le go dira dipatlisiso ka potlako ka dikgato tse di seng ka fa molaong tse di dirwang kgatlhanong le baeteledipele ba setso mo porofenseng. Lekwalo le rometswe morago ga dikopo tsa go engwa nokeng tse AfriForum e di amogetseng go tswa mo baeteledipeleng ba setso le maloko a morafe ka dikgato tse go tweng Lefapha la Porofense la Puso-Tshwaraganelo le Merero ya Setso le di tsere kgatlhanong le baeteledipele ba setso ka maikaelelo a go ba leleka mo maemong a bone.

Ka Motsheganong, AfriForum e ne ya kopa palamente go tshegetsa dinako tse di beilweng ke Kgotlatshekelo go ya ka Molaotheo tsa go tlhabolola molao kgotsa go baakanya ditsamaiso tsa molao tse di tsewang di thulana le molaotheo kgotsa e le tse di sa tshwanelang. Seno se ne sa direga morago ga taelo ya motsotso wa bofelo e e ntshitsweng ke kgotlatshekelo ka di 29 Motsheganong, e e neng e oketsa nako ya go amogelwa ga Boeteledipele Jwa Setso le Jwa Ba-Khoi-San, e leng molao wa bo 3 wa ka 2019, kgotsa molao o moša, ka dingwaga tse pedi go fitlha ka 29 Motsheganong 2027. Letsatsi le le tlhomilweng ke Kgotlatshekelo ya Molaotheo e ne e le la di 29 Motsheganong.

AfriForum, e ne ya romela ngongorego ya yone e e kwadilweng kgatlhanong le tshitshinyo ya go Tlhabololwa ga Molaotheo lekgetlo la bo 22 ka go dira diphetogo mo teng ga Molaotlhomo – tse boikaelelo jwa tsone e leng go fedisa kgang ya gore batho ba nne le ditsha tse e leng tsa bone mo nageng ya rona mme gore puso e nne yone mong wa ditsha tseo tsotlhe le wa ditsompelo tsa tlhago ka go tlhabololwa ga Karolo 25 ya Molaotheo, ka Phatwe. AfriForum e ne ya bolela gore Molaotlhomo ono o tlhasela kgang ya botho ya go nna mong wa setsha mmogo le go tlhasela ditso tsotlhe le ditlhopha tse dingwe tsa merafe e e lekang go itlamela, go tlhasela setso, le boikemisetso jwa go ikemela ka nosi go ya ka molao wa boditšhabatšhaba. AfriForum e ne ya gatelela gore diphetogo tse di tshitshintsweng di tla bo di thulana le Molao wa Boditšhabatšhaba wa Ditshwanelo tsa Selegae le tsa Sepolotiki, mmogo le Diathikele 3, 14, 19, 20, 21 le 28  tsa Tšhata ya Aforika ya Ditshwanelo Tsa Botho le tsa Setšhaba e bile e kopile merafe yotlhe ya setso le baeteledipele ba yone gore ba dirise ka bonako Karolo 20 ya Tlhabololo ya Molao wa Tiriso ya Mafatshe wa bo 112 wa ka 1991 gore ba nne le dithaetlele tsa lefatshe le ba le laolang, Gape, AfriForum e ne ya gatelela gape gore ditlhabololo tseno di tla dira gore maloko a merafe ya setso le baeteledipele ba segosi ba ba dirang jaaka baeteledipele ba bone, e nne bahiri ba leruri mo lefatsheng le e leng la bone le go ba thibele go nna beng ba mafatshe a bone gore ba a dirise ka botlalo le go a laola kwantle ga kgoreletsego epe. E tla thibela go busediwa ka botlalo ga seriti sa bone, boitshupo jwa bone jwa setso le tlotlego ya merafe ya setso le baeteledipele ba bone, ka gonne ba tla tlhalosiwa ka bosakhutleng jaaka batho ba ba tsewang e le “ba ba sa tshwanelweng” ke go nna le lefatshe la bone le go le laola ka botlalo. Gape AfriForum e ne ya ntsha tlhagiso ya gore go dira jalo go tla koafatsa taolo le tlhotlheletso ya baeteledipele ba segosi, ya ditheo tsa setso tsa boeteledipele le ya ditheo tse dingwe tse di mo baaging, gape seno se tla fokotsa go ikemela ga bone ka nosi jaaka morafe wa setso le go koafatsa ditshwanelo tsa bone tsa setso ka kakaretso. Phetogo eno e tla dira gore badiredi ba puso ba tswelele pele go laola tlhabololo, taolo le botsamaisi jwa lefatshe le dikago tsa baagi ba setso le mafelo a ba nnang mo go one.

Similar Posts

#OnsSalSelf